Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 106

Go Lwela go Nna le Lorato

Go Lwela go Nna le Lorato

(1 Bakorintha 13:1-8)

  1. 1. A re rapeleng Jah ka metlha,

    Re etseng ’nonofo tsa gagwe.

    Mme ruri selo sa botlhokwa,

    Ke go etsa lorato lwa ’gwe.

    Tota le fa re na le kitso,

    Ga re sepe ntle le lorato.

    Jah, re thuse go nna lorato,

    Mme re lo bontsheng ka ditiro.

  2. 2. Lorato lo batla ditsela

    Tsa go thusa le tsa go aba.

    Mme ga lo ipusolosetse,

    Lo itshwarela bakaulengwe.

    Lorato lo pelotelele,

    Lo itshokela dilo tsotlhe.

    Le ka dinako tsa mathata,

    Lorato ga lo ke lo fela.