Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | MODIMO O LEBA NTWA JANG?

Kafa Modimo a Lebang Ntwa ka Gone Gompieno

Kafa Modimo a Lebang Ntwa ka Gone Gompieno

Gompieno batho ba a gatelelwa. Ba le bantsi ba lelela kwa Modimong gore a ba thuse e bile ba ipotsa gore a ba tla bona thuso. A Modimo o utlwa selelo sa bone? Mme go tweng ka ba ba lwang gore ba fedise kgatelelo? A Modimo o tshegetsa maiteko a bone? A o leba dintwa tsa bone di siame?

Haramagedona e tla nna ntwa e e tla fedisang dintwa tsotlhe

Sa ntlha, tlhomamisega ka seno: Modimo o a bona fa batho ba boga gompieno mo lefatsheng e bile o ikaeletse go dira sengwe ka gone. (Pesalema 72:13, 14) Mo lefokong la gagwe e leng Baebele, Modimo o solofetsa gore ‘ba ba bogang pitlagano o tla ba duela ka go ba golola.’ Leng? “Fa Morena Jesu a senolwa go tswa legodimong a na le baengele ba gagwe ba ba maatla . . . jaaka a tlisa pusoloso mo go ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu.” (2 Bathesalonika 1:7, 8) Tshenolo eno ya ga Jesu e tla direga mo nakong e e tlang, e Baebele e reng ke ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,’ e gape e bidiwang Haramagedona.—Tshenolo 16:14, 16.

Mo ntweng eo e e tlang, Modimo ga a kitla a dirisa batho mme o tla dirisa Morwawe e bong Jesu Keresete le dibopiwa tse di maatla tsa moya go lwa le batho ba ba sa siamang. Dibopiwa tsa moya di tla fedisa kgatelelo yotlhe.—Isaia 11:4; Tshenolo 19:11-16.

Tota le gompieno tsela e Modimo a lebang ntwa ka yone ga ise e fetoge. O sa ntse a leba ntwa e le yone fela tsela ya go fedisa kgatelelo le bosula. Mme jaaka go ile ga direga mo nakong e e fetileng, ke Modimo fela a nang le tshwanelo ya go bua gore ntwa eo e tla nna leng le gore ke mang yo o tla lwang. Jaaka re bone, Modimo o setse a buile gore ntwa e e tla fedisang boikepo le go golola ba ba gateletsweng e etla mme e tla lowa ke Morwawe e bong Jesu Keresete. Seo se raya gore dintwa tse di lowang gompieno ga di tshegediwe ke Modimo, le fa di lebega di lowa ka maikaelelo a a siameng.

Ka sekai: Akanya ka bana ba babedi ba ba simololang go lwa fa rraabone a seyo. Ba emisa go lwa ka lobakanyana ba bo ba leletsa rraabone mogala. Yo mongwe a re morwarraagwe ke ene a simolotseng ntwa, fa yo mongwe ene a re ga a tshwarwa sentle. Boobabedi ba ikuela kwa go rraabone, mongwe le mongwe a lebeletse gore rraagwe a tseye letlhakore la gagwe. Le fa go ntse jalo, fa rraabone a sena go ba reetsa, o ba bolelela gore ba tlogele go lwa mme ba mo lete, o tla rarabolola kgang eo fa a goroga kwa lapeng. Bana bao ba leta ka lobakanyana. Moragonyana, ba simolola go lwa gape. Fa rraabone a goroga kwa lapeng ga a itumelele ope wa bone mme o ba otlhaela go bo ba sa mo ikobela.

Gompieno dinaga tse di lwang di kopa thuso kwa Modimong gore a di tshegetse. Mme Modimo ga a tshegetse dinaga tse di lwang gompieno. Go na le moo, mo Lefokong la gagwe e leng Baebele, o bua jaana: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula” le go re “Lo se ka lwa ipusolosetsa.” (Baroma 12:17, 19) Mo godimo ga moo, o boleletse batho gore ba tshwanetse go ‘mo lebelela ka bopelotelele’ fa a tsaya kgato ka nako ya Haramagedona. (Pesalema 37:7, Baebele e e Boitshepo) Fa ditšhaba di sa emele Modimo a tsaya kgato di bo di lwa, o leba dintwa tseo e le go dira ka dikgoka go go sa mo itumediseng. Mme ka Haramagedona, Modimo o tla bontsha bogale jwa gagwe a bo a fedisa dikgotlhang tsa dinaga ka bosakhutleng ka go “dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.” (Pesalema 46:9; Isaia 34:2) Eleruri, Haramagedona ke ntwa e e tla fedisang dintwa tsotlhe.

Go fela ga dintwa ke nngwe ya ditshegofatso tse di tla tlisiwang ke Bogosi Jwa Modimo. Jesu o ne a bua ka puso eo mo thapelong eno e e tlwaelegileng: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Bogosi Jwa Modimo ga bo kitla go fedisa ntwa fela mme bo tla fedisa le se se bakang ntwa, e leng boikepo. * (Pesalema 37:9, 10, 14, 15) Ke gone ka moo balatedi ba ga Jesu ba lebileng pele go bona masego a a tla tlisiwang ke Bogosi Jwa Modimo.—2 Petere 3:13.

Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go letela Bogosi Jwa Modimo ka lobaka lo lo kae gore bo tle go fedisa pogo, kgatelelo le boikepo? Go diragadiwa ga boporofeti jo bo mo Baebeleng go bontsha gore re tshela “mo metlheng ya bofelo” ya tsamaiso eno ya dilo. (2 Timotheo 3:1-5) * Mo nakong e e sa fediseng pelo, Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa tsamaiso eno ya dilo ka ntwa ya Haramagedona.

Jaaka re bone pelenyana, ba ba tla fedisiwang mo ntweng ya bofelo ke ba ba sa “reetseng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu.” (2 Bathesalonika 1:8) Mme gakologelwa gore Modimo ga a itumele fa batho ba swa, tota le batho ba ba bosula. (Esekiele 33:11) E re ka a sa “eletse gore ope a senngwe,” o batla gore dikgang tse di molemo tse di kaga Morena wa rona e bong Jesu di ‘rerwe mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe’ pele bokhutlo bo tla. (2 Petere 3:8, 9; Mathaio 24:14; 1 Timotheo 2:3, 4) Ee, tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang ya go bolelela batho molaetsa wa Baebele, e bulela batho tshono ya go itse Modimo botoka, go ikobela dikgang tse di molemo tse di ka ga Jesu le go tshela ka nako ya fa go tla bo go sa tlhole go na le ntwa.

^ ser. 9 Gape Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa mmaba e leng loso. Jaaka go bontshitswe mo setlhogong sa “Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele” se se mo makasineng ono, Modimo o tla tsosa batho ba le bantsi ba ba suleng, go akaretsa le ba ba bolailweng ke dintwa mo dingwageng tse di ntsi tse di fetileng.

^ ser. 10 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka metlha ya bofelo, bona kgaolo 9 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.