Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Malatsi a Boikhutso a a Monate go Gaisa a Nkileng ka Nna le One!

Malatsi a Boikhutso a a Monate go Gaisa a Nkileng ka Nna le One!

Lekwalo le le Tswang Kwa Ireland

Malatsi a Boikhutso a a Monate go Gaisa a Nkileng ka Nna le One!

BATSADI ba me ba ne ba re: “O tlhoka go dira sengwe se se kgatlhang go tlosa mogopolo mo ditlhatlhobong tse o tla tlogang o di kwala. Mma re ye go etela bontsalao kwa Ireland le go rerela batho ba ba utlwang dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka sewelo.”

Ke ne ke sa akanye gore ke kgopolo e ntle. Kwantle ga gore ke ne ke ipaakanyetsa ditlhatlhobo, ke ne ke tshosiwa ke go tsaya loeto ka gonne ke ne ke ise ke ko ke tswe mo Engelane e bile ke ise ke palame sefofane. Mosetsana wa dingwaga di le 17 yo o matlhagatlhaga yo o nnang mo toropong e e tlhanaselang ya Lontone, o ne a tla kgona jang go lepalepana le tsela ya go tshela e e iketlileng ya toropo e nnye ya kwa borwabophirima jwa Ireland?

Ke ne ke sa tshwanela go tshwenyega. Fela fa sefofane sa rona se kotama, ke ne ka ikutlwa ke rata lefelo leno. Le fa go ntse jalo, e re ka re ne re tsogile phakela, ke ne ka thulamela ka bonako fela fa re simolola loeto lwa rona ka koloi. Gangwe le gape ke ne ke tsoga gore ke lebe lefelo le lentle la motseselegae le le tletseng maje le le bonalang ka kwa ga ditselana tse ditshesane tse di ageletsweng ka maje mo matlhakoreng.

Bosigo jwa ntlha, re ne ra goroga kwa toropong ya Skibbereen mme ra itumelela maitseboa a botsalano jo bo agang semoyeng le lelapa lengwe le le neng le fudugetse kwa Ireland go ya go thusa ka tiro ya go rera ka Bogosi. Re ne ra tshameka metshameko e e theilweng mo Baebeleng. Mongwe le mongwe wa rona o ne a ntsha mo kgetsaneng karata e e nang le leina la motho mongwe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng mme a bo a etsa motho yoo. Ba bangwe ba ne ba tshwanetse go fopholetsa gore ke mang.

Ka letsatsi le le latelang, nna, batsadi ba me, nnake, bontsalaarona le lelapa le lengwe, re ne ra tsamaya ka mokoro go ya kwa Setlhaketlhakeng se sennye sa Heir, se se nang le batho ba ba kwa tlase ga 30. Jesu o ne a bolela gore dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni. Re ne ra fetsa letsatsi lotlhe re bua le batho ba lefelo leno ba ba botsalano le ba ba amogelang baeng ka dintlha tse di tswang mo Dikwalong le go itumelela go bogela naga e e se nang meago.

Letsatsi le ne le phatsima mo loaping lo lo apogileng. Go ne go utlwala monko o o monate mo moyeng, o o tswang mo setlhatshaneng sa gorse se se nang le malomo a mmala o o galolang o o serolwana, a a utlwalang monko wa khokonate. Malomo a dikgakologo a ne a khurumeditse karolo ya setlhaketlhake e e ditsobotla. Dikgogometso tse di tletseng motlhaba di ne di ela kwa dikarolong dingwe tse di nang le matlapa kwa mefuta ya dinonyane tse di bidiwang di-cormorant le di-gannet di neng di nna le mamphorwana a tsone gone. Kwa pelenyana go ne go tletse ditlhaketlhake tse dinnye mme bontsi jwa tsone di ne di se na batho. A bo re ne ra itumelela dilo tseno tsotlhe tse di farologaneng tse di bopilweng ke Jehofa jang ne!

Fa re boela kwa Skibbereen, ke ne ka itumelela go dira ditsala tse disha mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong leo le go leka go dira dilo tse ke iseng ke ko ke di dire. Sengwe se sesha se ke neng ka itumelela go se dira e ne e le go tsamaya ka mokoro o o bidiwang kayak. Ga go na sepe se se monate jaaka go bona lobopo lwa Ireland o le mo mokorong wa kayak! Re ne ra ya go tshwara ditlhapi tse re tla di jang ka nako ya dijo tsa maitseboa mme manyebi a a neng a le mo metsing a ne a tshwara ditlhapi pele ga rona. Re ne ra itlhamela metshameko ya kwa lotshitshing lwa lewatle ka bo ka leka go bina tantshe ya kwa Ireland.

Gape re ne ra ithuta dilo dingwe ka toropo ya Skibbereen. Fa masimo a ditapole a ne a senyega kwa Ireland ka bo1840, toropo eo le mafelo a a e dikologileng e ne e le mangwe a mafelo a a neng a amega thata. Diketekete tsa batho di ne tsa swa ka ntlha ya tlala mme mo e ka nnang batho ba le 9 000 ba ne ba fitlhwa mo lebitleng le le lengwe. Re ne ra gomodiwa ke go itse gore go ise go ye kae mo pusong ya Bogosi jwa Modimo, ga go kitla go tlhola go nna le leuba le gore boidiidi jo bo suleng setlhogo jalo bo tla boa bo tshela gape mo lefatsheng la paradaise.

Re ne ra kopana le Basupi ba lefelo leo go ya go etela batho ba ba sa rerelweng ka metlha mo tshimong e kgolo ya phuthego eo. Re ne ra tsamaya ka koloi mo tseleng e tshesane, e e tlhatlogang go ya kwa matlong a a kwa godimo go ela kwa bofelong jwa lefelo le le tsholetsegileng le le lebaganeng le Lewatle la Ireland. Le fano, batho ba re neng re kopana le bone ba ne ba le botsalano e bile ba amogela baeng. Jaaka re ne re dirile kwa Setlhaketlhakeng sa Heir, re ne ra simolola ka go tlhalosa gore re mo malatsing a boikhutso mme re dirisa nngwe ya nako eno ya rona go bolelela batho ka molaetsa o o itumedisang o o tswang mo Baebeleng.

Mmè o ne bua le mosadi mongwe yo o neng a itumelela go amogela dimakasine tsa rona tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa re kopana le ene gape malatsi a sekae moragonyana, o ne a re bolelela gore o ne a itumeletse go bala dimakasine tseo.

O ne a re: “Tsweetswee ke kopa gore lo ntlele dimakasine tse dingwe fa lo boa lo bo lo tle go tlotla le nna.” Re ne ra mmolelela gore re tla tloga re boela gae mme re tla romela mongwe gore a mo etele.

O ne a re: “Mme gone, fa o tla gape, tsweetswee o nketele. Batho ba mo Ireland ga ba ke ba lebala motho!”

Ka letsatsi la rona la bofelo la boikhutso re ne re le kwa lotshitshing lwa lewatle le bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya mo lefelong leo. Re ne ra besa di-mussel (mofuta wa ditlhapi) tse re neng ra di sela fa gare ga maje a a gogotsweng ke metsi a a phepa a lewatle, re dirisa maje le dikgong tse di neng di le gaufi le lewatle tse di gogotsweng ke metsi. Le fa ke le mosetsana yo o tswang kwa toropong e kgolo, ke ne ka itumelela loeto loo fela thata.

Ka jalo, beke e ke neng ka e fetsa kwa Ireland e ne e ntse jang? E ne e le malatsi a boikhutso a a monate go gaisa a nkileng ka nna le one! E ne e se fela nako e e monate mme gape ke ne ke itumedisiwa thata ke go itse gore ke ne ke dira sengwe se se ipedisang Jehofa e bile ke mmaka. Ke rata go direla Modimo wa rona, mme fa o na le ditsala tse di molemo le ba lelapa ba ba ikutlwang ka tsela e o ikutlwang ka yone e bile ba dira le wena, go itumedisa le go feta. Fa ke fitlha kwa gae, ke ne ka leboga Jehofa go bo a nneile ditsala tse dintsi tse di lorato le tse di mo ratang le ka ntlha ya dilo tse dintle tse ke di boneng tse ke tla di gakologelwang go ya go ile.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

An Post, Ireland