Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

E Boammaaruri mo go Tsa Saense

E Boammaaruri mo go Tsa Saense

E Boammaaruri mo go Tsa Saense

“A ga ke a go kwalela mo nakong e e fetileng ka dikgako- lolo le kitso, go go bontsha boammaaruri jwa mafoko a a boammaaruri, gore o busetse mafoko a a boammaaruri?”—DIANE 22:20, 21.

KAFA BAEBELE E FAROLOGANANG KA GONE: Dibuka tsa bogologolo gantsi di na le dikgopolo tse di ka se kang tsa ikanngwa le tse di kotsi tse di sa dumalaneng gotlhelele le saense ya gompieno. Tota le gompieno, bakwadi ba tshwanelwa ke go tlhabolola dibuka gore di dumalane le dilo tse disha tse di ribolotsweng. Mme Baebele e ipolela fa e kwadilwe ke Mmopi le gore Lefoko la gagwe le “nnela ruri.”—1 Petere 1:25.

SEKAI: Molao wa ga Moshe o ne o laela Baiseraele gore ba epele mantle a bone “kwa ntle ga bothibelelo.” (Duteronome 23:12, 13) Fa Baiseraele ba ne ba ka ama setopo kgotsa setoto ba ne ba tshwanelwa ke go tlhapa ka metsi. (Lefitiko 11:27, 28; Dipalo 19:14-16) Mo motlheng oo balepero ba ne ba nnela kgakala le batho go fitlha ba tlhatlhobiwa mme go tlhomamisiwa gore ga ba tlhole ba ka tshwaetsa ope.—Lefitiko 13:1-8.

SE KALAFI YA SEGOMPIENO E SE SENOLWANG: Go nna le matlwana a a siameng a boithomelo, go tlhapa diatla le go dira gore balwetse ba nne ba le bosi ka lobaka lo lo rileng e sa ntse e le ditsela tse di molemo tsa go lwantsha malwetse. Fa go se na matlwana a boithomelo kgotsa thulaganyo ya go tlosa leswe fa gaufi, mokgatlho wa U.S. Centers for Disease Control and Prevention (CDC) o gakolola jaana: “Ithomele kgakala le motswedi wa metsi, bobotlana dimmetara di le 30 o bo o bipa mantle a gago.” Go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo, fa batho ba dirisa ditsela tse di siameng tsa go tsamaisa mantle, ba fokotsa letshololo ka diperesente di le 36. Mo dingwageng tse di ka fa tlase ga 200 tse di fetileng, dingaka di ne tsa lemoga gore di ne tsa tshwaetsa balwetse ba le bantsi ka malwetse fa ba ne ba sa tlhape diatla fa ba sena go tshwara ditopo. Mokgatlho wa CDC o sa ntse o re go tlhapa diatla “ke yone fela tsela e e molemo ya go thibela malwetse a a tshelanwang.” Go tweng ka go tlhaola balepero kgotsa batho ba ba tshwerweng ke malwetse a mangwe? Bosheng jaana Saudi Medical Journal e ne ya re: “Fa bolwetse bongwe jwa leroborobo bo ise bo aname, go tlhaola batho ba ba tshwerweng ke bolwetse joo, e sa ntse e le yone fela tsela e e molemo ya go laola malwetse a a tshelanwang.”

O AKANYANG? A o ka lebelela gore buka epe e nngwe e e boitshepo ya bogologolo e dumalane le saense ya gompieno? Kgotsa a Baebele e tlhomologile?

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Ruri go a kgatlha go bala ka ditlhagiso tsa bophepa tsa motlha wa ga Moshe.”—MANUAL OF TROPICAL MEDICINE, KA DRS. ALDO CASTELLANI LE ALBERT J. CHALMERS