Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

E ne E le Wa Lelapa la ga Kaiafase

E ne E le Wa Lelapa la ga Kaiafase

Ka dinako dingwe, dilo tse di ribolotsweng ke baithutamarope di ka tlhomamisa ka tlhamalalo kgotsa e seng ka tlhamalalo gore motho mongwe yo o umakilweng mo Baebeleng o kile a tshela. Ka sekai, ka 2011, bakanoki ba kwa Iseraele ba ile ba gatisa tshedimosetso e e tlhomamisang boammaaruri joo. Tshedimosetso eo e ne e le ka ga lebokose la polokelo ya marapo a baswi le le kgabisitsweng, le le dirilweng ka limestone e bile le na le dingwaga di le 2 000.

o ne go gabilwe mafoko ano mo lebokoseng leno la polokelo: “Miriame morwadia Yeshua morwa Kaiafase, moperesiti wa Ma′aziah wa kwa Beth ′Imri.” Kaiafase e ne e le moperesiti yo mogolo wa Mojuda yo o neng a nna le seabe mo tshekong le go bolawa ga ga Jesu. (Joh. 11:48-50) Rahisitori e bong Flavius Josephus, o mo tlhalosa e le “Josefa yo o neng a bidiwa Kaiafase.” Go na le bosupi jwa gore lebokose leno e ne e le la mongwe wa losika lwa gagwe. E re ka go akanngwa gore mokwalo o o neng o gabilwe mo lebokoseng leno ke wa ga moperesiti yo mogolo yo o neng a bidiwa Yehosef bar Caiapha kgotsa Josefa morwa Kaiafase, * Miriame e ka tswa e ne e le wa lelapa la ga Josefa ka tsela nngwe.

Go ya ka tshedimosetso e e ntshitsweng ke Israel Antiquities Authority (IAA), lebokose la polokelo ya marapo a ga Miriame le ne la tsewa mo magodung a a neng a le utswile mo lebitleng la bogologolo. Fa go sekasekwa lebokose leno le mokwalo o o mo go lone, go ne ga tlhomamisiwa gore tshedimosetso eno e boammaaruri.

Lebokose leno le re lemosa sengwe gape se sesha. Le bua ka “Ma′aziah” yo e neng e le wa lekgamu la bo24 la baperesiti ba ba neng ba refosana ka go direla kwa tempeleng kwa Jerusalema. (1 Ditir. 24:18) IAA ya re, “lelapa la ga Kaiafase le ne le amana ka losika le lekgamu la ga Ma′aziah,” go ya ka mokwalo o o gabilweng mo lebokoseng leno.

Gape mokwalo ono o bua ka Beth ′Imri. Mokwalo ono o ka tlhalosiwa ka ditsela tse pedi. IAA ya re, “ya ntlha e ka nna gore Beth ′Imri ke leina la losika lwa boperesiti—bomorwa Imere (Esera 2:36, 37; Nehemia 7:39-42) ba ditlogolwana tsa bone di akaretsang ba lekgamu la ga Ma′aziah. Ya bobedi e ka nna gore [Beth ′Imri ke] kwa Miriame kgotsa lelapa lotlhe la gagwe le tlholegang gone.” Le fa boemo e ka tswa e le bofe, lebokose leno le le nang le marapo a ga Miriame ke bosupi jwa gore Baebele e bua ka batho ba mmatota le ba malapa a bone.

^ ser. 3 Malebana le lebokose la polokelo ya marapo a baswi la ga Kaiafase, bona setlhogo se se reng “Moperesiti yo Mogolo yo o Neng a Atlholela Jesu Loso,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 15, 2006, tsebe 10-13.