Fetela kwa tshedimosetsong

Pego ya Baithutamarope e e Bontshang Gore Kgosi Dafide o Kile a Nna Teng

Pego ya Baithutamarope e e Bontshang Gore Kgosi Dafide o Kile a Nna Teng

Go ya ka Baebele, Kgosi Dafide wa kwa Iseraele o ne a tshela ka lekgolo la bo11 la dingwaga B.C.E, mme go ne ga feta dingwaga di le dintsi bana ba gagwe ba busa kwa Iseraele. Batho bangwe ba re Dafide ga a ise a tsamaye a nne teng e bile ba re kgang ya gagwe ke tlhamane fela. A mme Kgosi Dafide o kile a nna teng?

Ka 1993 moithutamarope mongwe yo o bidiwang Avraham Biran le batho ba a berekang le bone ba ile ba bona letlapa lengwe kwa Tel Dan kwa Iseraele le le neng le na le mokwalo o o buang ka lelapa la ga Dafide. Mokwalo o o mo letlapeng leo ke o o neng o dirisiwa bogologolo ka lekgolo la borobongwe la dingwaga B.C.E. Go bonala letlapa leno le ne le kwadilwe ke Baaramaika fa ba sena go fenya Baiseraele.

Setlhogo sengwe mo Bible History Daily sa re batho bangwe ga ba dumele gore mokwalo ono o bontsha gore Kgosi Dafide o kile a nna teng. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba ithutang Baebele le baithutamarope ba dumela gore letlapa leno le le fitlhetsweng kwa Tel Dan le bontsha gore Kgosi Dafide yo go buiwang ka ene mo Baebeleng o kile a nna teng. Ba dumela gore bosupi jono ke nngwe ya diphitlhelelo tse dikgolo tse baithutamarope ba kileng ba kwala ka tsone.