Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ka Thusa Jang Batho ba ba Nang le Malwetse a Tlhaloganyo?

Re ka Thusa Jang Batho ba ba Nang le Malwetse a Tlhaloganyo?

BAEBELE E A RE: “Tsala ya boammaaruri e lorato ka dinako tsotlhe e bile ke morwarramotho yo o ka ikaegang ka ene ka dinako tsa matshwenyego.”​—DIANE 17:17.

Se e Se Kayang

Re ka nna ra ikutlwa re imetswe fa tsala ya rona e na le bolwetse bongwe jwa tlhaloganyo. Mme gone, re ka mmontsha gore re a mo kgathalela ka go mo thusa gore a kgone go itshokela bolwetse joo. Re ka mo thusa jang?

Kafa Seno se ka Thusang ka Gone

“Nna bonako go utlwa.”​—JAKOBE 1:19.

Tsela nngwe e e molemo e o ka thusang tsala ya gago ka yone, ke ka go mo reetsa fa a batla go bua. O se ka wa akanya gore o tlhoka go araba sengwe le sengwe se a se buang. Mo netefaletse gore o mo reeditse le gore o a mo kgathalela. Leka go tlhaloganya tsela e a ikutlwang ka yone, e bile o se ka wa mo tshwayatshwaya diphoso. Gopola gore a ka nna a bua dilo tse a neng a sa ikaelela go di bua, mme morago a bo a di ikwatlhaela.​—Jobe 6:2, 3.

‘Mo Gomotse.’​—1 BATHESALONIKA 5:14.

Tsala ya gago e ka tswa e tlhobaela kgotsa e lwantshana le maikutlo a go ipona e se motho wa sepe. Fa o mo netefaletsa gore o a mo kgathalela, o ka mo gomotsa le go mo kgothatsa, tota le fa o sa itse gore o bue eng.

“Tsala ya boammaaruri e lorato ka dinako tsotlhe.”​—DIANE 17:17.

Ithaopele go mo direla sengwe. Go na le go akanya gore o a itse gore o ka mo thusa jang, mmotse gore o ka mo direla eng. Fa go le thata gore tsala ya gago e tlhalose se e se tlhokang, leka go mo naya dikakantsho tsa gore lo ka dira eng lo le mmogo, jaaka go ya go iphokisa phefo. Kgotsa o ka ithaopela go mo ela dishopong, go mo phepafaletsa kgotsa go mo direla tiro nngwe.​—Bagalatia 6:2.

‘Nna pelotelele.’​—1 BATHESALONIKA 5:14.

Ka dinako dingwe tsala ya gago e ka nna ya bo e sa batle go bua. Mo netefaletse gore fa a setse a batla go bua, o tla bo o iketleeleditse go mo reetsa. E re ka a lwala, a ka nna a bua kgotsa a dira dilo tse di go utlwisang botlhoko. A ka nna a fetola dithulaganyo tse lo neng lo di dirile kgotsa a serega. Nna pelotelele e bile o leke go mo tlhaloganya fa o ntse o mo eme nôkeng.​—Diane 18:24.

Go Ema Tsala ya Gago Nôkeng Go ka Mo Thusa

“Ke netefatsa gore ke nna tsala e a ka buang le yone ka dinako tsotlhe. Le fa gone ke se na tharabololo ya mathata a gagwe, ka metlha ke leka go mo reetsa. Ka dinako tse dingwe, o a bo a tlhoka fela mongwe yo a ka mo reetsang a bo a ikutlwa botoka.”​—Farrah, a yo tsala ya gagwe e nang le bothata jwa go ja, jwa go tlhobaela le dipreshene e e kwa godimo thata (“clinical depression”).

“Ke na le tsala e e pelontle le e e nkgothatsang. O ne a ntaletsa kwa ga gagwe go ya go ja dijo tse di monate. O ne a le lorato, e bile o ne a dira gore ke kgone go tlhalosa kafa ke ikutlwang ka gone. Seo se ne sa nkgothatsa tota!”​—Ha-eun, yo o nang le “clinical depression.”

“Go nna pelotelele go botlhokwa thata. Fa mosadi wa me a dira sengwe se se nkgopisang, ke ikgopotsa gore bolwetse jwa gagwe ke jone bo dirang gore a dire dilo ka tsela eo. Seno se nthusa gore ke se ka ka mo galefela le gore ke mo akanyetse.”​—Jacob, yo mosadi wa gagwe a nang le “clinical depression.”

“Mosadi wa me o nkema nôkeng tota e bile o a nkgomotsa. Fa ke tlhobaela thata, ga a ke a mpateletsa go dira dilo tse ke sa batleng go di dira. Ka dinako tse dingwe seo se raya gore a ka se kgone go dira dilo tse ene a neng a eletsa go di dira. O botlhokwa thata mo go nna ka gonne o pelotshweu e bile ga a ikakanyetse a le nosi.”​—Enrico, yo o nang le bothata jwa go tlhobaela.

a Maina mangwe a fetotswe.