Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, batho “ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

A Baebele e ka go thusa go lebana le go tlhobaela?

O ne o ka reng?

  • Ee

  • Nnyaa

  • Gongwe

Se Baebele e se buang

“[Latlhelang] tlhobaelo yotlhe ya lona mo [Modimong], ka gonne o a lo kgathalela.” (1 Petere 5:7) Baebele e re tlhomamisetsa gore Modimo a ka re imolola mo ditlhobaelong tse re lebanang le tsone.

Se gape re se ithutang mo Baebeleng

  • Fa o rapela, o ka nna le “kagiso ya Modimo” e e fokotsang go tlhobaela.—Bafilipi 4:6, 7.

  • Gape go bala Lefoko la Modimo go tla go thusa gore o se ka wa tshwenyega thata.—Mathaio 11:28-30.

A go tlhobaela go tla tsamaya go fela?

Batho bangwe ba dumela gore . . . go tlhobaela le go tshwenyega ke karolo ya botshelo mme ba bangwe bone ba dumela gore go tlhobaela go fela fa o sena go tlhokafala. Wena o akanya eng?

Se Baebele e se buang

Modimo o tla fedisa dilo tse di re tlhobaetsang. “Loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:4.

Se gape re se ithutang mo Baebeleng