Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Loso—Mmaba wa Batho Botlhe!

Loso—Mmaba wa Batho Botlhe!

A RE re o lebile filimi e mo go yone go tlhagang seopedi se o se ratang thata. Filimi e simolola go bontsha nako ya fa a ne a ntse a gola, a ithuta mmino e bile a simolola go opela. Go tswa foo, o tlhaga a opela mo dikonserateng tse di farologaneng mo mafelong a a farologaneng a lefatshe mme a bo a feleletsa a tumile a itsiwe ke batho. Go ela kwa bowelong jwa filimi, o bona tsela e a neng a tshela ka yone a itumetse e bile a tumile. Go tswa foo, o a tsofala mme kwa bowelong jwa filimi, a bo a swa.

Filimi eno ga se tlhamane fela, ke selo se se kileng sa direga. Filimi eno e ne e se kitla e fetoga le fa motho yo o tlhagelelang mo go yone e ka tswa e ne e le motho yo o itseng saense, yo o tumileng mo metshamekong kgotsa ope fela yo o tumileng thata mo lefatsheng. Ipotse gore ke dilo tse kae tse motho yono a neng a ka di fitlhelela mo botshelong fa ene e se ka gore batho ba a tsofala ba bo ba swa.

Le fa kgang eno e utlwisa botlhoko, nnete ke gore rotlhe re tlile go swa. (Moreri 9:5) Le fa re ka dirang, ga go na kwa re ka tshabelang botsofe le loso gone. Bangwe ba rona re ka nna ra se ka ra tsofala, go ka direga gore re lwale ka bonako fela re sa lebelela kgotsa re tlhagelwe ke kotsi re bo re swa. Ke ka moo Baebele e tshwantshang botshelo jwa rona le ‘mouwane o o bonalang ka lobakanyana fela mme go tswa foo o bo o nyelela.’—Jakobe 4:14.

Ntlha ya go bo batho ba sa itse gore ba tla swa leng, e dirile gore ba nne le boikutlo jwa gore “a re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.” (1 Bakorintha 15:32) A ga o akanye gore batho ba ba tshelang ka tsela eo ba bontsha gore ba itlhobogile mo botshelong? Mme fa nako e ntse e ya, segolo jang fa re diragalelwa ke dilo tse di botlhoko mo botshelong, motho a ka nna a ipotsa gore, ‘A botshelo jwa rona bo felela gone fa?’ O ka bona kae karabo ya potso eno?

Batho ba le bantsi ba lebeletse gore saense e re thuse go araba potso eno. Gone jaanong dingaka di kgona go re thusa gore re kgone go tshela nako e e telelenyana. Mme go sa ntse go dirwa dipatlisiso tsa gore ke eng se se tla re thusang gore re kgone go tshela lobaka lo lo telele thata. Le fa ba ka tsamaya ba atlega, potso yone e sa ntse e sala gore: Goreng re tsofala e bile re swa? A loso lo tla tsamaya lo fela? Re tla tlotla ka dipotso tseno mo ditlhogong tse di latelang e bile re tla araba potso e e reng, A botshelo jwa rona bo felela gone fa?