Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo O a Go Kgathalela

Modimo O a Go Kgathalela

Modimo o dirile mebele ya rona ka tsela e e gakgamatsang. Ka sekai, fa o ka segiwa, wa ngapiwa kgotsa wa tlhabiwa ke sengwe o bo o tswa madi, mmele o dira gore madi a reme mme fa nako e ya ntho eo e a tswalega e bo e fola.

AKANYA KA SENO: Fa e le gore Mmopi wa rona o dirile gore mebele ya rona e kgone go fodisa dintho, a ga re a tshwanela go mo tshepa gore o tla re thusa fa re utlwile botlhoko mo maikutlong? Mopesalema o ne a re: “O fodisa ba ba pelo e phatlogileng, o ba hapa fa ba utlwileng botlhoko gone.” (Pesalema 147:3) Fa e le gore go na le sengwe se se go utlwisitseng botlhoko kgotsa se se go tshwenyang, o ka itse jang gore Jehofa o tla go thusa gone jaanong le mo nakong e e tlang?

BAEBELE E RE RUTA GORE MODIMO O A RE RATA

Modimo o re solofetsa jaana: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota.” (Isaia 41:10) Fa motho a itse gore Jehofa o a mo kgathalela, ga a tshwenyege thata e bile o nna le maatla a go lebana le dikgwetlho. Moaposetoloi Paulo o ne a re motho yo o ntseng jalo o na le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.” Gape o ne a re: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:4-7, 9, 13.

Baebele e re thusa go dumela gore Jehofa o tla diragatsa dilo tse a re di solofeditseng. Ka sekai, Tshenolo 21:4, 5 e re bolelela se Modimo a tlileng go se dira le lebaka la go bo re tshwanetse go tshepa gore o tla dira jalo:

  • “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong” a batho. Jehofa o tla fedisa dilo tsotlhe tse di bosula le tse di re tlhobaetsang le fa mo bathong ba bangwe di ka tswa di se botlhokwa go le kalo.

  • Kgosi e e Maatlaotlhe ‘e e ntseng mo setulong sa bogosi’ e tla dirisa maatla a yone go thibela dilo tse di bosula le go re thusa ka dilo tse re di tlhokang.

  • Jehofa a re dilo tse a re tshepisang tsone di ‘a ikanyega e bile di boammaaruri.’ Seo se raya gore ga a kitla a re solofetsa dilo a bo a sa di dire.

“O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile. Mme Yo o ntseng mo setulong sa bogosi a re: ‘Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha.’ Gape, a re: ‘Kwala, ka gonne mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri.’”—Tshenolo 21:4, 5.

Dilo tse Modimo a di bopileng le tse di kwadilweng mo Baebeleng di re thusa go tlhaloganya botho jwa gagwe. Dilo tsa tlholego di re bontsha gore Modimo o batla gore re mo itse le go nna ditsala tsa Gagwe. Mo godimo ga moo Baebele ya re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Ditiro 17:27 ya re Modimo ga a “kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.”

Fa o ipha nako ya go ithuta ka Modimo, o tla kgona go lemoga sentle gore ‘o a go kgathalela.’ (1 Petere 5:7) Go itse gore Jehofa o a go kgathalela go ka go thusa jang?

Akanya ka se se ileng sa diragalela Toru wa kwa Japane. Le fa mmaagwe e ne e le motho yo o ratang bodumedi, Toru o ile a nna leloko la segongwana sa disenyi se se tumileng thata kwa Japane se se bidiwang Yakuza. Toru a re: “Ke ne ke akanya gore Modimo ga a nthate le gore o ne a nkotlhaya ka gonne batho ba ke neng ke ba rata ba ile ba tlhokafala.” A re dilo tse di bosula tse di neng di mo diragalela le tsela e a neng a akanya ka yone di ile tsa dira gore a nne setlhogo. A re maikaelelo a gagwe fa a ne a le mosha “e ne e le go swa a bolaile mongwe yo o tumileng gore lefatshe lotlhe le mo itse.”

Toru o ile a fetola botshelo jwa gagwe fa ene le mosadi wa gagwe e bong Hannah ba ntse ba ithuta Baebele. Hannah a re: “Ke ne ka itumelela go bona monna wa me a tlogela dilo tse di sa siamang.” Toru a re: “Jaanong ke a itse gore Modimo o kgathalela mongwe le mongwe wa rona. Ga a batle gore ope a swe e bile o ikemiseditse go itshwarela mongwe le mongwe yo o tlogelang dilo tse di bosula. O a reetsa fa re mmolelela dilo tse re sa kgoneng go di bolelela ba bangwe le tse batho ba se kitlang ba di tlhaloganya. Mo bogautshwaneng, Jehofa o tla fedisa mathata le dilo tsotlhe tse di re utlwisang botlhoko. Le gone jaanong o re thusa ka ditsela tse re neng re sa di lebelela. O a re rata e bile o a re thusa fa re tshwenyegile mo maikutlong.”—Pesalema 136:23.

Se se diragaletseng Toru se re bontsha gore fa re itse gore Modimo o kgona go tlosa mathata a rona le gore o tlile go tlosa dilo tsotlhe tse di re utlwisang botlhoko mo nakong e e tlang, re tla nna le tsholofelo ya gore dilo di tla siama e bile re tla kgona go itumelela botshelo gone jaanong. Le fa botshelo bo tletse ka mathata le ka dilo tse di utlwisang botlhoko, go a thusa go itse gore Modimo o a re rata le gore o a re kgathalela.