Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lo botlhokwa [thata].”—MATHAIO 10:31

A Modimo o Bona Dilo Tse di go Diragalelang?

A Modimo o Bona Dilo Tse di go Diragalelang?

SE RE SE ITHUTANG MO DILONG TSE MODIMO A DI BOPILENG

Metsotso ya ntlha fela fa ngwana a sena go tsholwa  e botlhokwa thata. Goreng re rialo? Ka gonne fa motsadi a bontsha ngwana lorato ka nako eo, seo se thusa gore ngwana a kgone go gola sentle. *

Ke eng se se dirang gore mmê a rate losea lwa gagwe? Mo The Journal of Perinatal Education, Porofesa Jeannette Crenshaw a re go na le khemikale e e bidiwang oxytocin mo mmeleng, e e oketsegang fa mosadi a sena go belega mme khemikale eno “e dira gore mmê a rate ngwana wa gagwe thata fa a ntse a mo tshwere, a mo lebile e bile a mo anyisa.” Gape go na le khemikale e nngwe e e “thusang motsadi gore a tsiboge fa losea lo tlhoka sengwe” mme le yone e dira gore a lo rate thata. Goreng seo se direga?

Mmopi wa rona yo o lorato e bong Jehofa Modimo * ke ene a dirileng gore mmê a ikutlwe jalo ka ngwana wa gagwe. Kgosi Dafide a re Modimo ke ene a mo ‘ntshitseng mo sebopelong’ sa ga mmaagwe le go dira gore a ikutlwe a sireletsegile fa a le mo diatleng tsa ga mmaagwe. Dafide o ile a rapela a re: “Ke latlhetswe kwa go wena ke tswa mo sebopelong; O ntse o le Modimo wa me go tswa sebopelong sa ga mmè.”—Pesalema 22:9, 10.

AKANYA KA SENO: Fa e le gore Modimo o dirile khemikale e e dirang gore mmê a rate losea lwa gagwe le go le tlhokomela, a ga go utlwale go dumela gore Modimo o a re kgathalela?—Ditiro 17:29.

BAEBELE E RE RUTA GORE MODIMO O A RE KGATHALELA

Jesu Keresete o itse Mmopi wa rona go re gaisa, ke ka moo a ileng a re: “A dithaga tse pedi ga di rekisiwe ka ledi la tshipi la tlhwatlhwa e e kwa tlase? Le fa go ntse jalo ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tla welang fa fatshe kwantle ga kitso ya ga Rraalona. Mme meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe. Jalo se boifeng: lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.”—Mathaio 10:29-31.

Bontsi jwa rona ga re na sepe le dinonyane, tota le fa re ka kopana le nngwe ya tsone e wetse fa fatshe, ga re utlwe botlhoko go le kalo. Mme Rraarona yo o kwa legodimong ene o bona nngwe le nngwe ya tsone! Le fa dinonyane tseno di ka tswa di le dintsi jang, Modimo ga a di tseye di le botlhokwa thata go gaisa batho. Ntlha ya botlhokwa fano ke gore, ga o a tshwanela go akanya gore Modimo ga a na sepe le wena. Nnete ke gore Modimo o a go rata!

Modimo o a re kgathalela e bile o a re rata

Baebele ya re

  • “Matlho a ga Jehofa a mo lefelong lengwe le lengwe, a nna a lebeletse ba ba bosula le ba ba molemo.”—DIANE 15:3.

  • “Matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya go goa ga bone ba kopa thuso.”—PESALEMA 34:15.

  • “Ke tla ipela ke bo ke itumela mo bopelonoming jwa gago jwa lorato, ka gore o bone pogisego ya me; o itsile matshwenyego a moya wa me.”—PESALEMA 31:7.

“KE NE KE TSAYA GORE JEHOFA GA A NTHATE”

A botshelo jwa rona bo ka fetoga ka tsela nngwe fa re itse gore Modimo o a re rata, o a re kgathalela le gore o bona sengwe le sengwe se se re diragalelang? Ee bo ka fetoga. Seo re se bona mo go se se ileng sa diragalela Hannah * wa kwa Engelane, a re:

“Ke ne ke tlhola ke tsaya gore Jehofa ga a nthate le gore ga a arabe dithapelo tsa me. Ke ne ke ithaya ke re seo se dirwa ke gore ga ke na tumelo. E ne e kete Modimo o a nkwatlhaya kgotsa o a intlhokomolosa ka gonne ke se botlhokwa. Ke ne ke tsaya gore Modimo ga a nkgathalele.”

Gone jaanong Hannah ga a tlhole a ikutlwa ka tsela eo. Ke eng se se fetogileng? A re: “Go ntsere lobaka go fetoga. Ke gopola nako nngwe mongwe a tlhalosa go tswa mo Baebeleng tsela e loso lwa ga Jesu lo re amang ka yone mme seo se ile sa dira gore ke lemoge gore Jehofa o a nthata. Fa ke bona dithapelo tsa me di arabiwa, ke ne ke tle ke lele ka gonne ke lemoga gore ruri Jehofa o a nthata. Go bala Baebele le go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi go nthusitse go ithuta ka Jehofa, go tlhaloganya botho jwa gagwe le go itse tsela e a ikutlwang ka yone ka rona. Gone jaanong ke kgona go bona gore Jehofa o a re rata le gore o ikemiseditse go re thusa ka dilo tse re di tlhokang.”

Hannah o opile kgomo lonaka. Mme gone o ka itse jang gore Modimo ga a kitla a go lebala le gore o tlhaloganya tsela e o ikutlwang ka yone? Tswelela o bala gore o bone karabo ya potso eno.

^ ser. 3 Go na le bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo tshwarang basadi bangwe ba ba sa tswang go belega. Bolwetse jono bo dira gore go nne thata gore bommê ba rate masea a bone. Basadi ba ba tshwerweng ke bolwetse joo ga ba a tshwanela go ipona molato. Go ya ka mokgatlho wa kwa Amerika o o dirang ka malwetse a tlhaloganyo, bolwetse jono “bo ka tswa bo bakwa ke dilo dingwe tse di mo mmeleng kgotsa tsela e motho a ikutlwang ka yone . . . mme e seng dilo tse motsadi a di dirang kgotsa tse a sa di direng.” Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka bolwetse jono, bala setlhogo se se reng “Understanding Postpartum Depression” mo makasineng wa Tsogang! ya Seesemane ya June 8, 2003.

^ ser. 5 Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.—Pesalema 83:18.

^ ser. 15 Go na le maina mangwe a a fetotsweng.