Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e re Thusa go Nna le Bokamoso jo bo Itumedisang

Baebele e re Thusa go Nna le Bokamoso jo bo Itumedisang

A RE re go bosigo mme o tsamaya mo tseleng e e lefifi. Le fa go le lefifi, ga o tshoge ka gonne o tshwere lobone le le bonesang sentle. Fa o bonesa fa fatshe, o kgona go bona fa o tsamayang gone. Fa o bonesa kwa pele, o kgona go bona kwa o yang gone.

Ka tsela nngwe, Baebele e tshwana le lobone. Re ithutile mo ditlhogong tse di fetileng gore Lefoko la Modimo le kgona go re thusa go bona dilo tse di fa pele ga rona kgotsa go lebana le mathata a letsatsi le letsatsi a lefatshe leno le le sa iketlang. Gape Baebele e re bonesetsa kwa pele gore re kgone go bona tsela e e isang kwa botshelong jo bo itumedisang. (Pesalema 119:105) Jang?

A re tlotleng ka ditsela tse pedi tse Baebele e re thusang ka tsone go nna le tsholofelo ka bokamoso jwa rona: 1 E re thusa go itse gore re tshelela eng, e bile 2 e re ruta gore re direng gore re nne ditsala tsa Mmopi wa rona.

1 GO ITSE GORE RE TSHELELA ENG

Le fa Baebele e re thusa go rarabolola mathata a rona, ga se buka fela e e tlwaelegileng. Baebele ga e re kgothaletse gore re akanye thata ka mathata a rona, go na le moo, e re ruta gore go na le sengwe sa botlhokwa thata mo botshelong se re tshwanetseng go akanya ka sone. Fa re tlhaloganya ntlha eno, re tla kgona go itse gore re tshelela eng.

Ka sekai, akanya ka molaometheo ono wa Baebele o o reng: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) A o kile wa thusa mongwe? Kgotsa a o kile wa reetsa tsala ya gago e go bulela mafatlha? Boammaaruri ke gore, re a itumela fa re kgonne go thusa motho yo mongwe.

Go itumedisa tota go thusa motho yo mongwe mme o sa lebelele gore a go duele ka tsela nngwe. Mokwadi mongwe o ne a re: “Ga go kgonege gore o nne o thusa batho mme bone ba sa go thuse ka sepe, ntle le fa o ba thusa o sa lebelela gore ba go duele ka tsela nngwe.” Mme fa re thusa batho ba bangwe, segolo jang ba re itseng gore ba ka se kgone go re duela ka sengwe, re setse re amogetse tuelo ya rona. Ka tsela efe? Ka gonne re a itse gore Mmopi wa rona o lebeletse gore re thuse ba bangwe ka gonne go dira jalo go tshwana le fa re mo adima sengwe. (Diane 19:17) Modimo o itumela thata fa re thusa batho ba maemo a a kwa tlase mme o re solofetsa gore o tla re duela ka sengwe se se di gaisang tsotlhe, e leng botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise!—Pesalema 37:29; Luke 14:12-14. *

Gape Baebele e re ruta gore fa re obamela Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa, re tla kgona go itse gore re tshelela eng. Baebele ya re re tshwanetse go ikobela Modimo ka gonne o tshwanelwa ke pako le kgalalelo. (Moreri 12:13; Tshenolo 4:11) Fa re dira jalo, re dira sengwe se batho ba bantsi ba sa akanyeng gore re kgona go se dira: Re itumedisa Mmopi wa rona. Ke ka moo Baebeleng e reng: “Tlhalefa . . . mme o ipedise pelo ya me.” (Diane 27:11) Akanyetsa kgang eno: fa re dirisa melaometheo ya Baebele go dira ditshwetso, re itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong. Goreng a itumela? Ka gonne o a re kgathalela e bile o batla gore re re latele kaelo ya gagwe e e re thusang. (Isaia 48:17, 18) Fa re direla Jehofa Modimo e bile re tshela ka tsela e e mo itumedisang, re tla kgona go itse gore re tshelela eng.

2 GO NNA DITSALA TSA MMOPI WA RONA

Gape Baebele e re kgothaletsa gore re nne ditsala le Mmopi wa rona. Baebele ya re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Ka dinako tse dingwe re ka nna ra akanya gore ga re kgone go nna ditsala tsa Mmopi wa rona yo o maatla otlhe. Mme Baebele ya re fa re ‘batla Modimo’ re tla “mmona” ka gonne ga a “kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.” (Ditiro 17:27) Kgakololo ya Baebele ya gore re nne ditsala tsa Modimo e re thusa gore re nne le bokamoso jo bo itumedisang. Ka tsela efe?

Le fa re ka leka jang, ga go na ope wa rona yo o ka tshabelang loso. (1 Bakorintha 15:26) Mme Modimo ga a kitla a tsamaya a swa e bile o batla gore ditsala tsa gagwe le tsone di tshelele ruri di sa swe. Baebele e dirisa mafoko ano fa e tlhalosa se Jehofa a se batlelang ditsala tsa gagwe: “E kete . . . [lo] ka tshelela ruri.”—Pesalema 22:26.

O ka dirang gore o tswelele o le tsala ya Modimo? O se ka wa kgaotsa go ithuta ka ene o dirisa Baebele. (Johane 17:3; 2 Timotheo 3:16) Mo kope gore a go thuse go tlhaloganya Dikwalo. Baebele e re tlhomamisetsa gore Modimo o tla re naya botlhale fa re nna re bo kopa. * (Jakobe 1:5) Kwa bofelong, leka go dirisa dilo tse o ithutang tsone ka go letla Lefoko la Modimo gore le nne ‘lobone lwa dinao tsa gago’ le ‘lesedi la tsela ya gago.’—Pesalema 119:105.

^ ser. 8 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka tsholofetso ya Modimo ya lefatshe la Paradaise, bala kgaolo 3 ya buka ya Baebele e re Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 13 Basupi ba ga Jehofa ba na le thulaganyo ya go ithuta Baebele e e ka go thusang gore o kgone go itse Dikwalo sentle. Bidio ya Thuto ya Baebele e Tshwarwa Jang? e tlhalosa gore thulaganyo eo e bereka jang. E teng mo jw.org.

Modimo o batla gore ditsala tsa gagwe di tshelele ruri