Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka—Karolo 7

“Bokhutlo bo Tla Tla”

Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka—Karolo 7

Motseletsele ono wa ditlhogo di le robedi mo makasineng wa Tsogang! o sekaseka karolo e e tlhomologileng ya Baebele—dipolelelopele tsa yone. Ditlhogo tseno di tla go thusa go araba dipotso tseno: A dipolelelopele tsa Baebele di itlhametswe fela ke batho ba ba botlhale? A di tlhotlheleditswe ke Modimo? Re go laletsa gore o sekaseke bosupi.

A O A galefa fa dipuso tse di boferefere di gatelela le go tsietsa banni ba tsone? A o bona e le go tlhoka tshiamiso fa dikgwebo tse dikgolo di dira gore batho ba ba humileng ba hume le go feta le fa seo se dira gore bahumanegi ba humanege le go feta? A o galefisiwa ke go bona baeteledipele ba bodumedi ba ja batho ba ba ba eteletseng pele ntsoma kgotsa ba ruta dithuto tsa maaka? Fa go le jalo, o ka itumedisiwa ke go utlwa gore Baebele le yone e kgala ditiro tseno tse di bosula. Setlhogo seno se tla sekaseka (1) dipolelelopele tsa Baebele tse di bolelelang pele ka go fedisiwa ga boikepo jotlhe le batho ba ba boikepo le (2) lebaka la go bo re tshwanetse go ikanya dipolelelopele tseno ka botlalo.

Go Fedisiwa ga Boikepo

Setlhogo se se fetileng mo motseletseleng ono se ne sa tlotla ka sesupo se se nang le dikarolo tse dintsi se Jesu a se boletseng, se se supang gore bokhutlo jwa lefatshe la gompieno bo gaufi. Sesupo seno se akaretsa go bolelwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo—puso ya Modimo e e tla tlogang e busa lefatshe lotlhe. (Daniele 2:44; Mathaio 24:3, 14) Jesu o ne a re “bokhutlo bo tla tla” fa tiro eo ya go bolelwa ga dikgang tse di molemo e weditswe. O ka nna wa gakgamadiwa ke go utlwa gore selo sa ntlha se Modimo a tla se fedisang e tla nna bodumedi jwa maaka jo bo sa ruteng boammaaruri ka ga gagwe. Mo Baebeleng bodumedi jwa maaka bo tshwantshediwa ke seaka se se bidiwang “Babelona o Mogolo.”—Tshenolo 17:1, 5; bona lebokoso le le reng,  “Go Lemoga Babelona o Mogolo,” le le mo tsebe 13.

Polelelopele 1:

“Dipetso tsa gagwe [Babelona o Mogolo] di tla [tla] ka letsatsi le le lengwe, loso le khutsafalo le leuba, mme o tla jewa gotlhelele ka molelo,  ka gonne Jehofa Modimo, yo o mo atlhotseng, o nonofile.”—Tshenolo 18:2, 8.

Tiragatso: Baebele e senola gore ka nako e Modimo a e tlhomileng, o tla dira gore mebuso ya lefatshe ya bopolotiki e tlhanogele Babelona o Mogolo le go mo nyeletsa. E tla ‘mo dira yo o sa ikategang’ mme ‘e tla ja dikarolo tsa gagwe tse di dinama e di fetsa.’ (Tshenolo 17:16) Ka mafoko a mangwe, e tla senola botho jwa gagwe jo bo tlhabisang ditlhong le go gapa dikhumo tsa gagwe tse dintsi. O tla senngwa ka bofefo le ka tsela e e feletseng mo e leng gore go ka se sale sepe se se bontshang gore o kile a nna teng.—Tshenolo 18:21.

Babusi ba dipolotiki ba ka nna ba akanya gore ke bone ba tlileng ka kgopolo ya gore ba dire seno. Le fa go ntse jalo, go diragadiwa ga boporofeti jono jo bo gakgamatsang, go tla tlhomamisa gore go fedisiwa ga Babelona go ne go bakilwe ke Modimo. O tla ‘go tsenya mo dipelong tsa bone gore ba diragatse kakanyo ya gagwe.’—Tshenolo 17:17.

Polelelopele 2:

“Mo metlheng ya dikgosi tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi. . . . Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe [a batho], mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.

Tiragatso: E re ka Modimo a tla bo a setse a fedisitse bodumedi jwa maaka, o tla leba kwa mekgatlhong e mengwe—ya bopolotiki le ya kgwebo—mmogo le kwa bathong ba ba boikepo. (Diane 2:22; Tshenolo 19:17, 18) Fela jaaka mong wa lefelo yo o kobang batho ba ba senyang ba ba nnang mo go lone, Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe.” O tla senya ba ba le tlatsang ka thubakanyo le ditiro tse di tlhabisang ditlhong tsa tlhakanelodikobo.—Tshenolo 11:18; Baroma 1:18, 26-29.

Ke mang yo o tla falolang? Baebele e araba jaana: “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11; 72:7.

 A re ka ikanya dipolelelopele tsa Baebele? A re ka tlhomamisega gore Modimo o tla fedisa boikepo le pogo mme a boloke batho ba ba siameng? Ee!

Dipolelelopele Tsa Baebele di a Ikanyega

Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa bodumedi jotlhe jwa maaka, dipuso tse di boferefere le dikgwebo tse di bogagapa

Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Jehofa Modimo ke ene Mokwadi wa Baebele le gore sengwe le sengwe se a se solofeditseng o tla se diragatsa. (2 Timotheo 3:16) A go a utlwala go dumela seno?

Fa o ne o na le tsala e o sa bolong go nna le yone e e go ratang thata mme e ise e ko e tsamaye e go bolelele maaka, a o ne o ka e dumela fa e go solofetsa go go direla sengwe se se molemo mme e le sengwe se e ka kgonang go se dira? Ruri o ne o ka e dumela. Tota e bile Modimo o gaisa tsala epe fela ya motho e re ka nnang le yone. “Modimo ga a nke a aka!”—Tito 1:2, Contemporary English Version.

Ee, ruri Mmopi o tla fedisa bodumedi jwa maaka, puso e e gatelelang le dikgwebo tsa lefatshe tse di bogagapa. A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka se se tla diragalang fa ditiragalo tseo di sena go direga? Makasine o o latelang wa Tsogang! o tla go thusa. O tla bo o na le setlhogo sa bofelo sa motseletsele ono wa ditlhogo.