Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 9

Obamelang Jehofa lo le Lelapa

Obamelang Jehofa lo le Lelapa

“Obamelang Ene yo o dirileng legodimo le lefatshe.”—Tshenolo 14:7

Jaaka o setse o ithutile mo boroutšhareng jono, Baebele e na le melaometheo e mentsi e e tla thusang wena le lelapa la gago. Jehofa o batla gore o itumele. O solofetsa gore fa o dira gore kobamelo ya gagwe e tle pele mo botshelong, “dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Tota o batla gore o nne tsala ya gagwe. Dira sotlhe se o ka se kgonang go nonotsha kamano ya gago le Modimo. Eno ke tshiamelo e e di gaisang tsotlhe e motho a ka nnang le yone.—Mathaio 22:37, 38.

1 NONOTSHA KAMANO YA GAGO LE JEHOFA

SE BAEBELE E SE BUANG: “‘Ke tla nna rraalona, mme lona lo tla nna bomorwaake le bomorwadiake,’ go bua Jehofa.” (2 Bakorintha 6:18) Modimo o batla gore o nne tsala ya gagwe e kgolo. Tsela nngwe ya go dira seo ke ka go rapela. Jehofa o go kopa gore o ‘rapele o sa kgaotse.’ (1 Bathesalonika 5:17) O nna a ikemiseditse go utlwa dikakanyo tsa gago tse di boteng le se se go tlhobaetsang. (Bafilipi 4:6) Fa o rapela le ba lelapa la gago, ba tla bona kafa Modimo e leng Motho wa mmatota ka gone mo go wena.

Ga o a tshwanela go bua le Modimo fela, mme o tshwanetse go mo reetsa. O ka dira seo ka go ithuta Lefoko la gagwe le dikgatiso tsa Baebele. (Pesalema 1:1, 2) Tlhatlhanya ka se o se balang. (Pesalema 77:11, 12) Gape go reetsa Modimo go tlhoka gore o ye dipokanong tsa Bokeresete ka metlha.—Pesalema 122:1-4.

Tsela e nngwe e e botlhokwa ya go nonotsha kamano ya gago le Jehofa ke go bua le ba bangwe ka ene. Fa o nna o dira jalo, o tla atamalana le ene.—Mathaio 28:19, 20.

SE O KA SE DIRANG:

  • Letsatsi le letsatsi, ipheng nako ya go bala Baebele le go rapela

  • Lo le lelapa, dirang gore dilo tsa semoya di tle pele ga go itlosa bodutu le go itapolosa

2 ITUMELELENG KOBAMELO YA LELAPA

SE BAEBELE E SE BUANG: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Lo tshwanetse go nna le thulaganyo ya ka metlha ya kobamelo ya lelapa lo bo lo e latele. (Genesise 18:19) Mme ga se gone gotlhe. Modimo o tshwanetse go nna Motho wa botlhokwa mo botshelong jwa lona. Nonotshang kamano ya lelapa la lona le Modimo ka go bua ka ene ‘fa lo ntse mo ntlong ya lona le fa lo tsamaya mo tseleng le fa lo rapama le fa lo tsoga.’ (Duteronome 6:6, 7) Ikemisetseng go tshwana le Joshua, yo o neng a re: “Mme nna le ba ntlo ya me, re tla direla Jehofa.”—Joshua 24:15.

SE O KA SE DIRANG:

  • Nnang le thulaganyo ya ka metlha e e akaretsang go thapisa mongwe le mongwe mo lelapeng go ya ka se a se tlhokang