Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 5

Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?

Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?

1. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a bopa lefatshe?

Jehofa o bopetse batho lefatshe. Ke legae la rona. Ka jalo, banyalani ba ntlha e bong Adame le Efa ba ne ba sa bopelwa go tlatsa legodimo—Modimo o ne a setse a bopile baengele go tshela kwa legodimong. (Jobe 38:4, 7) Go na le moo, Modimo o ne a tsaya monna wa ntlha mme a mmaya mo paradaiseng e ntle e e bidiwang tshimo ya Edene. (Genesise 2:15-17) Jehofa o ne a naya monna yono le bana ba a neng a tla nna le bone mo isagweng tsholofelo ya go itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.—Bala Pesalema 37:29; 115:16.

Kwa tshimologong, tshimo ya Edene e ne e le yone fela paradaise. Banyalani ba ntlha ba ne ba tshwanetse go tshola bana mme ba tlatse lefatshe. Fa nako e ntse e tsamaya ba ne ba tshwanetse go laola lefatshe lotlhe mme ba le dire paradaise. (Genesise 1:28) Le ka motlha lefatshe le ka se senngwe. Le tla nna e ntse e le legae la batho.—Bala Pesalema 104:5.

Leba bidio ya Goreng Modimo a Ile a Bopa Lefatshe?

2. Ke ka ntlha yang fa gone jaanong lefatshe e se paradaise?

Adame le Efa ga ba a ka ba ikobela Modimo, ka jalo o ne a ba leleka mo tshimong. Paradaise e ne ya latlhega, mme ga go motho ope yo o atlegileng go e tsosolosa. Baebele ya re: “Lefatshe ka bolone le tsentswe mo seatleng sa yo o boikepo.”—Jobe 9:24.—Bala Genesise 3:23, 24.

A Jehofa o tlogetse se a neng a ikaeletse sone ka batho kwa tshimologong? Nnyaa! Ke mothatayotlhe. Ga a ka ke a palelwa. (Isaia 45:18) O tla dira gore batho ba tshele jaaka a ne a batlile.—Bala Pesalema 37:11, 34.

3. Paradaise e tla tsosolosiwa jang?

Paradaise e tla tsosolosiwa fa Jesu a busa e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. Mo ntweng e e bidiwang Haramagedona, Jesu o tla etelela baengele pele mme a senye batho botlhe ba ba ganetsang Modimo. Go tswa foo, Jesu o tla golega Satane ka dingwaga di le 1 000. Batho ba Modimo ba tla falola tshenyego ka gonne Jesu o tla ba kaela le go ba sireletsa. Ba tla itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise.—Bala Tshenolo 20:1-3; 21:3, 4.

4. Pogo e tla fela leng?

Modimo o tla fedisa bosula leng mo lefatsheng? Jesu o ne a naya “sesupo” se se tla bontshang gore bokhutlo bo gaufi. Maemo a a leng teng mo lefatsheng gompieno a dira gore batho ba se ka ba itumelela botshelo mme a bontsha gore re tshela mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.’—Bala Mathaio 24:3, 7-14, 21, 22.

Mo dingwageng di le 1 000 tse Jesu a tla bong a busa lefatshe ka tsone a le kwa legodimong, o tla fedisa pogo yotlhe. (Isaia 9:6, 7; 11:9) Kwantle ga go direla e le Kgosi, Jesu o tla bo a direla e le Moperesiti yo Mogolo mme o tla phimola maleo a batho ba ba ratang Modimo. Ka jalo, Modimo o tla fedisa bolwetse, botsofe le loso a dirisa Jesu.—Bala Isaia 25:8; 33:24.

5. Ke bomang ba ba tla tshelang mo Paradaiseng ya mo isagweng?

Kwa Holong ya Bogosi o tla kopana le batho ba ba ratang Modimo le ba ba batlang go ithuta kafa ba ka mo itumedisang ka gone

Batho ba ba ikobelang Modimo ba tla tshela mo Paradaiseng. (1 Johane 2:17) Jesu o ne a romela balatedi ba gagwe go ya go batla batho ba ba pelonolo le go ba ruta gore ba tshwanetse go dira eng gore ba amogelwe ke Modimo. Gompieno, Jehofa o baakanyetsa dimilione tsa batho go tla go tshela mo lefatsheng la Paradaise mo isagweng. (Sefania 2:3) Kwa Diholong Tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa, batho ba ithuta go nna banna le borre ba ba botoka le go nna basadi le bommè ba ba botoka. Bana le batsadi ba obamela Modimo mmogo mme ba ithuta gore ba ka solegelwa molemo jang ke dikgang tse di molemo.—Bala Mika 4:1-4.