Fetela kwa tshedimosetsong

Melao ya Modimo ya Bophepa E ne E Thusa Fela Thata

Melao ya Modimo ya Bophepa E ne E Thusa Fela Thata

Dingwaga di ka nna 3500 tse di fetileng fa Baiseraele ba ne ba tsena kwa Lefatsheng le Lesha, Jehofa o ne a ba solofetsa gore o tla ba sireletsa mo ‘malwetseng otlhe a a bosula’ a a neng a tshwara batho kwa Egepeto. (Duteronome 7:15) O ile a dira jalo ka go ba naya melao ya bophepa le go ba tlhalosetsa gore ba dire eng gore malwetse a se ka a anama. Ka sekai:

  • Molao o ne o re ba tshwanetse go tlhapa e bile ba tshwanetse go tlhatswa diaparo tsa bone.—Lefitiko 15:4-27.

  • Modimo o ile a tlhalosa gore ba tshwanetse go dira eng ka mantle. O ne a re: “O dirise lefelo le le kwa thoko kwa ntle ga bothibelelo, mme o tswele gone. O dirise lomapo mmogo le didirisiwa tsa gago, mme go tla diragala gore fa o kotama kwa ntle, o epe lehuti ka lone o bo o retologa o bipa mantle a gago.”—Duteronome 23:12, 13.

  • Batho ba ba neng ba tshwerwe ke malwetse a a tshelanwang ba ne ba nna kwa ntle ga bothibelelo gore ba se ka ba tshela ba bangwe. Fa ba sena go fola, ba ne ba tshwanetse go tlhatswa diaparo tsa bone le go tlhapa pele ba boela kwa bothibelelong.—Lefitiko 14:8, 9.

  • Fa motho a tshwere setopo, o ne a nna kwa ntle ga bothibelelo malatsi a a rileng.—Lefitiko 5:2, 3; Dipalo 19:16.

Melao e e neng e neilwe Baiseraele malebana le bophepa e ne e ba thusa fela thata.

Ditshaba tse dingwe tsone di ne di sa latele melao eo. Ka sekai:

  • Metsi a a leswe, matlakala le dijo tse di senyegileng, di ne di dira gore batho ba lwale e bile bana ba ne ba swa ka bontsi.

  • Dingaka tsa bogologolo di ne di sa itse go le kalo ka megare le dibaketeria. Baegepeto ba ne ba dirisa dilo tse di jaaka madi a mekgantitswane, mantle a dinonyane, dipeba tse di suleng, le borotho jo bo senyegileng fa ba alafa batho. Gape ba ne ba dirisa mantle a batho le a diphologolo.

  • Baegepeto ba ne ba lwala ka gonne ba ne ba nwa metsi a a leswe a a neng a tswa kwa Nokeng ya Nile le mo meseleng e mengwe ya metsi. Gape bana ba le bantsi kwa Egepeto ba ne ba bolawa ke letshololo le malwetse a mangwe a a neng a bakwa ke dijo tse di senyegileng.

Baiseraele bone ba ne ba sa tshwarwe ke malwetse ao ka gonne ba ne ba ikobela Melao ya Modimo ya bophepa.