Fetela kwa tshedimosetsong

A E TLHAMILWE?

Setshedi sa Metsi se se Nang le Matsogo a a Makatsang

Setshedi sa Metsi se se Nang le Matsogo a a Makatsang

Batlhami ba metšhine ba dira motšhine o o tla thusang dingaka gore ka nako ya karo di se ka tsa bula letlalo la motho thata. Sengwe sa dilo tse ba lekang go kopisa mo go tsone ke tsela e matsogo a setshedi sengwe sa mo metsing a leng ka yone. Setshedi seno se bidiwa octopus.

Akanya ka seno: Setshedi seno se na le matsogo a le robedi a a temekang e bile a kgona go taologa, mme matsogo ano a se thusa gore se kgone go tshwara, go ngangatlela le go tlapisa, tota le dilo tse di iphitlhileng. Le fa matsogo a setshedi seno a temeka, se kgona go a gagamatsa fa go tlhokega.

Babatlisisi ba dumela gore motšhine o o tshwanang le letsogo la setshedi seno o ka thusa dingaka thata ka nako ya karo. Motšhine ono o ka thusa fela thata ka nako ya fa go dirwa karo e e raraaneng.

Tsela e letsogo la setshedi seno le berekang ka yone

Motšhine ono o teng e bile o setse o lekeleditswe mo dilong dingwe. Motšhine ono o o boleele jwa dimilimetara di le 135 o kgona go tshwara dirwe tsa mmele tse di tlhokang go tshwara ka matsetseleko mme ka fa letlhakoreng le lengwe e ntse e ara. Mongwe wa batlhami ba motšhine oo ke Dr. Tommaso Ranzani mme ene a re: “Re dumela gore motšhine ono ke one o tlileng go re thusa go tokafatsa tsela e re dirang dilo ka yone mo nakong e e tlang.”

Motšhine o o tshwanang le letsogo la setshedi seno o ka thusa dingaka thata ka nako ya karo

O akanyang? A letsogo la setshidi seno le itlhagetse fela kgotsa a le bopilwe?