Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A DI TLHAMILWE?

Ditedu Tsa Katse

Ditedu Tsa Katse

DIKATSE tse di ruilweng gantsi di nna matlhagatlhaga bosigo. Ditedu tsa tsone di di thusa go lemoga sengwe se se ka tswang se le gaufi le tsone di bo di se tshwara segolobogolo fa go le lefitshwana.

Akanya ka seno: Ditedu tsa katse di tlhoga mo bofelong jwa ditshika tse dintsi tse di nang le dithishu. Ditshika tseno di e thusa go utlwa tota le modumo o o kwa tlase thata wa moya. Seo se dira gore katse e lemoge sengwe se se gaufi mme e sa se bone—bokgoni jo bo e thusang thata fa go le bosigo.

E re ka ditedu tseno di tsiboga ka bonako, dikatse di di dirisa go lemoga gore se di se tsomang se bokgakala jo bo kae le gore se lebile kae. Gape ditedu tseno di thusa katse go lemoga gore lefelo le e batlang go feta mo go lone le bulegile go le kae. Encyclopædia Britannica ya re “ga re itse ka botlalo gore katse e dirisa ditedu tsa yone go dira ditiro dife tse dingwe; mme gone re a itse gore fa di kgaotswe, go tshwana le fa katse e golafetse ka nakwana.”

Baitsesaense ba ile ba dira diroboto tse di nang le disensara tse di tshwanang le tsa ditedu tsa katse gore ba kgone go bona dilo dingwe. Moitsesaense mongwe wa kwa Yunibesithing ya California, kwa Berkeley, e bong Ali Javey a re disensara tseno “di tshwanetse go dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng mo dirobotong, mo metšhineng e e berekisiwang ke batho le mo didirisiweng tsa thutotshelo.”

O akanyang? A bokgoni jwa ditedu tsa katse bo nnile gone ka bojone fela? Kgotsa a bo tlhamilwe?