Fetela kwa tshedimosetsong

GO THUSA LELAPA | LENYALO

Nka Dira Jang Gore ke Nne Pelotelele?

Nka Dira Jang Gore ke Nne Pelotelele?

 “Bopelotelele jwa banyalani bo lekwa letsatsi le letsatsi. Fa o ise o nyale, bopelotelele ga bo botlhokwa go le kalo, mme ke jone jo bo dirang gore lenyalo le atlege.”—John.

 Goreng o tlhoka go nna pelotelele?

  •   Fa o nyetse o tlile go bona makoa a molekane wa gago.

     “Fa o na le nako e telele o nyetse, go motlhofo go tlhoma mogopolo mo makoeng a molekane wa gago. Mme seo se ka dira gore o se ka wa nna pelotelele.”—Jessena.

  •   Go tlhoka bopelotelele go ka dira gore o bue o sa akanya.

     “Ke ntsha maikutlo a me ka bonako, mme seo se dira gore ke iphitlhele ke buile sengwe se ke neng ke sa tshwanela go se bua. Fa nkabo ke nnile pelotelele, nkabo ke ne ka ipotsa gore a go a tlhokega gore ke bue.”—Carmen.

     Baebele e a re: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi.” (1 Bakorintha 13:4) Go motlhofo go akanya gore batho ba babedi ba ba ratanang ba tla bontshana bopelotelele. Mme ga se ka metlha go ntseng jalo. John yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Go motlhofo go fela pelo go na le go nna pelotelele. O tlile go tlhoka go dira maiteko gore o nne pelotelele.”

 O ka bontsha jang gore o pelotelele?

  •   Fa go direga sengwe se o neng o sa se lebelela.

     Ka sekai: Fa molekane wa gago a bua sengwe se se go utlwisang botlhoko, o ka ikutlwa e kete o ka ipusulosetsa.

     Molaomotheo wa Baebele: “O se ka wa itlhaganelela go kgopisega mo moyeng wa gago, gonne go kgopisega go nna mo sehubeng sa dimatla.”—Moreri 7:9.

     Kafa o ka bontshang bopelotelele ka gone: Ema go se kae pele o araba, mme o akanye gore molekane wa gago o ne a sa ikaelela go go utlwisa botlhoko. Buka ya Fighting for Your Marriage ya re: “Bontsi jwa rona re utlwisiwa botlhoko ke se re akanyang gore se builwe go na le se tota se builweng.

     Le fa molekane wa gago a ka leka go tsosa komano, ga o na go tshela molelo parafene fa o le pelotelele. Baebele e a re: “Fa go se nang dikgong teng molelo o a tima.”—Diane 26:20.

     “Fa o utlwa e kete mosadi wa gago o kgatlhanong le wena, ema go se kae mme o ikgopotse gore goreng o mo rata, o bo o mo direla sengwe se sentle.”—Ethan.

     Se o ka akanyang ka sone:

    •  O dira eng fa molekane wa gago a sa go tshware sentle, kgotsa a sa go buise sentle?

    •  Fa seno se ka direga gape o ka bontsha jang gore o pelotelele?

  •   Fa molekane wa gago a dira selo se o sa se rateng kgapetsakgapetsa.

     Ka sekai: Molekane wa gago o nna fela a le thari mme seo se go fedisa pelo.

     Molaomotheo wa Baebele: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile.”—Bakolosa 3:13.

     Kafa o ka bontshang bopelotelele ka gone: Tsaya lenyalo la gago le le botlhokwa go feta tsela e o ikutlwang ka yone. Ipotse gore: ‘Go letla kgang eno e go utlwisa botlhoko a go tla thusa?’ Gape gopola gore “rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jakobe 3:2) Seo se raya gore le wena go na le dilo tse o tlhokang go tokafatsa mo go tsone.

     “Ka dinako dingwe ke na le go iphitlhela ke bontsha ditsala tsa me bopelotelele go na le monna wa me. Ke akanya gore ke fetsa nako e ntsi le monna wa me ka jalo, ke nna ke bona makoa a gagwe. Fa ke le pelotelele ke bontsha gore ke rata monna wa me le gore ke a mo tlotla. Ka jalo, bopelotelele bo botlhokwa thata mo lenyalong la me.”—Nia.

     Se o ka akanyang ka sone:

    •  O ka bontsha jang gore o pelotelele le molekane wa gago fa a go diretse diphoso?

    •  O ka bontsha jang bopelotelele fa seo se direga gape mo nakong e e tlang?