Fetela kwa tshedimosetsong

Legodimo ke Eng?

Legodimo ke Eng?

Karabo ya Baebele

Lefoko “legodimo” le dirisiwa ka ditsela tse tharo mo Baebeleng: (1) loapi lo re lo bonang; (2) lefelo le dibopiwa tsa semoya di nnang kwa go lone; (3) maemo a a tlotlegang. Fa le tlhagelela mo temaneng nngwe, ditemana tse di e dikologileng di re thusa go tlhaloganya se go buiwang ka sone. *

  1. Loapi. Fano lefoko ‘magodimo’ le kaya lefaufau, kwa phefo e fokang teng, kwa dinonyaneng di fofang teng, kwa maru a dirang pula le kapoko teng le kwa magadima a tswang teng. (Pesalema 78:26; Diane 30:19; Isaia 55:10; Luke 17:24) Gape le ka kaya lefelo le “letsatsi le ngwedi le dinaledi” di leng kwa go lone.—Duteronome 4:19; Genesise 1:1.

  2. Lefelo le dibopiwa tsa semoya di nnang kwa go lone. Gape lefoko “legodimo” le kaya lefelo la semoya le le kwa godimo thata le rona batho re sa kgoneng go le bona. (1 Dikgosi 8:27; Johane 6:38) Jehofa Modimo le baengele ba a ba bopileng ba nna kwa go lone. (Johane 4:24; Mathaio 24:36) Ka dinako tse dingwe “magodimo” a emela baengele ba ba ikanyegang kgotsa ‘phuthego ya baitshepi.’—Pesalema 89:5-7.

    Gape Baebele e dirisa lefoko “magodimo” fa e bua ka lefelo le Jehofa a nnang kwa go lone, ‘lefelo la gagwe le le tlhomameng la bonno.’ (1 Dikgosi 8:43, 49; Bahebera 9:24; Tshenolo 13:6) Ka sekai, Baebele e ile ya bolelela pele gore Satane le madimona a gagwe ba ne ba tla lelekwa kwa legodimong gore ba se ka ba tlhola ba tla fa pele ga ga Jehofa. Mme gone, ba ne ba tla tswelela e le dibopiwa tsa semoya.—Tshenolo 12:7-9, 12.

  3. Maemo a a tlotlegang. Dikwalo di dirisa lefoko “legodimo” go kaya maemo a a kwa godimo, a gantsi a amanang le go busa. Sekai sa seo ke:

Legodimo le ntse jang?

Go diragala dilo di le dintsi kwa legodimong. Go na le dimilionemilione tsa dibopiwa tsa semoya tse di “diragatsang lefoko la [ga Jehofa].”—Pesalema 103:20, 21; Daniele 7:10.

Baebele ya re legodimo ke lefelo le le tsabakelang. (1 Timotheo 6:15, 16) Moporofeti Esekiele o ne a bontshiwa ponatshegelo ya legodimo le le nang le “ponalo ya phatsimo,” mme Daniele ene o ne a bona “molatswana wa molelo.” (Esekiele 1:26-28; Daniele 7:9, 10) Legodimo ke lefelo le le boitshepo kgotsa le le phepa e bile le le lentle.—Pesalema 96:6; Isaia 63:15; Tshenolo 4:2, 3.

Baebele e tlhalosa legodimo ka tsela e e kgatlhang thata. (Esekiele 43:2, 3) Le fa go ntse jalo, rona batho ga re kgone go tlhaloganya legodimo ka botlalo ka gonne ga re dibopiwa tsa semoya.

^ ser. 1 Go ka direga gore lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “legodimo” le kaya “bogodimo” kgotsa “selo se se tsholetsegileng.” (Diane 25:3) Bona The New Brown, Driver, and Briggs Hebrew and English Lexicon of the Old Testament, tsebe 1029.

^ ser. 7 Buka ya Cyclopedia ya ga McClintock le Strong ya re magodimo a masha a go buiwang ka one mo go Isaia 65:17 a emela “puso e ntšha, bogosi jo bosha.”—Bolumo IV, tsebe 122.