Fetela kwa tshedimosetsong

Baebele ya re Halloween e Simologile Kae?

Baebele ya re Halloween e Simologile Kae?

Karabo ya Baebele

Ga go na gope mo Baebele e buang ka Halloween. Le fa go ntse jalo, tshimologo ya Halloween le meetlo ya yone ya segompieno e bontsha gore moletlo ono o theilwe mo ditumelong tsa maaka tse di kaga baswi le meya e e sa bonaleng kgotsa madimona.—Bona  “Kwa Halloween e simologileng gone le meetlo ya yone.”

Baebele e re tlhagisa jaana: “Go se ka ga nna le ope mo go lona . . . yo o buang le dipoko kgotsa meya, kgotsa yo o buang le baswi.” (Duteronome 18:10-12, The Jerusalem Bible) Le fa batho bangwe ba tsaya gore Halloween ke go ijesa monate mo go seng kotsi, Baebele yone e bontsha gore ditlwaelo tse di tsamaisanang le yone di kotsi. Baebele e bua jaana mo go 1 Bakorintha 10:20, 21: “Ga ke rate gore lo ikopanye le medemone. Ga lo ka ke lwa nwa senwelo sa Morena le senwelo sa medemone.”—Baebele ya Tswana Central.

 Kwa Halloween e simologileng gone le meetlo ya yone

  1. Moletlo wa Samhain: The World Book Encyclopedia ya re, Halloween e simologile mo “moletlong wa bogologolo wa boheitane o o neng o ketekwa ke Ba-Celt dingwaga di feta 2 000 tse di fetileng. Ba-Celt ba ne ba dumela gore baswi ba ka itsamaela ka kgololesego mo gare ga batshedi le gore ka nako ya moletlo wa Samhain, batshedi ba ne ba ka tsamaya le baswi.” Le fa go ntse jalo, Baebele e ruta ka tsela e e utlwalang sentle gore baswi “ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Seo se raya gore ba ka se kgone go ikopanya le batshedi.

  2. Diaparo tsa Halloween, dimonamone kgotsa ditiro tsa go ijesa monate: Go ya ka buka ya Halloween​—An American Holiday, An American History, Ba-Celt bangwe ba ne ba apara diaparo tse di tshosang gore meya e e boikepo e akanye gore le bone ke meya mme e bo e sa ba tshwenye. Bangwe ba ne ba naya meya e e boikepo dimonamone go e reba bogale. Kwa Yuropa wa bogologolo, baruti ba kereke ya Katoliki ba ne ba dirisa meetlo ya boheitane ya mo lefelong la bone mme ba laela balatedi ba bone gore ba tsamaye ka ntlo le ntlo ba apere diaparo tsa Halloween e bile ba kopa dimpho tse dinnye gore ba rapelele baswi ba bone. Mme Baebele yone ga e letlelele gore ditlwaelo tsa bodumedi jwa maaka le kobamelo ya Modimo di kopanngwe.—2 Bakorintha 6:17.

  3. Dipoko, di-vampire, batho ba e keteng ke diphiri le baloi: Ga go bolo go tsewa gore dilo tseno di amana le meya e e boikepo. (Halloween Trivia) Baebele e bua ka tsela e e utlwalang sentle gore re tshwanetse go ganetsa meya e e boikepo e seng go keteka le yone.—Baefeso 6:12.

  4. Maphutshe a Halloween kgotsa dikerese tse di tsenngwang mo go one: Kwa Boritane wa bogologolo “batho ba ne ba tsamaya ka ntlo le ntlo ba kopa dijo gore ba rapelele baswi” mme ba ne ba tshwara “di-turnip tse di gabilweng di bo di tsenngwa dikerese tse di neng di tshwantshetsa moya o o gaeletsweng mo pakatoring.” (Halloween​—From Pagan Ritual to Party Night) Bangwe ba re dikerese di ne di dirisediwa go leleka meya e e boikepo. Ka bo1800 kwa Amerika Bokone, di-turnip di ne tsa emisediwa ka maphutshe ka gonne a ne a le mantsi e bile go le motlhofo go a gaba. Ditumelo tse di amanang le moetlo ono—go sa swe ga moya, pakatori le go rapelela baswi—ga di tswe mo Baebeleng.—Esekiele 18:4.