Fetela kwa tshedimosetsong

Jehofa ke Mang?

Jehofa ke Mang?

Karabo ya Baebele

Jehofa ke Modimo wa boammaaruri yo go buiwang ka ene mo Baebeleng, Mmopi wa dilo tsotlhe. (Tshenolo 4:11) Baporofeti ba ba jaaka Aborahame le Moshe ba ne ba mo obamela, fela jaaka Jesu a ile a dira. (Genesise 24:27; Ekesodo 15:1, 2; Johane 20:17) Ga se Modimo wa batho ba le bangwe fela mme ke wa “lefatshe lotlhe.”—Pesalema 47:2.

Jehofa ke leina la Modimo le le sa tshwaneng le lepe le le tlhagelelang mo Baebeleng. (Ekesodo 3:15; Pesalema 83:18) Leina “Jehofa” le tserwe mo lediring la Sehebera le le kayang “go diragala,” mme baithuti ba le bantsi ba re leina leo le kaya, “O Dira Gore go Diragale.” Tlhaloso eno e a tshwanela ka gonne e bontsha gore Jehofa ke Mmopi le Modiragatsi wa mafoko a gagwe. (Isaia 55:10, 11) Gape Baebele e re thusa go itse ka botho jwa ga Jehofa, segolobogolo ka nonofo ya gagwe e e tlhomologileng ya lorato.—Ekesodo 34:5-7; Luke 6:35; 1 Johane 4:8.

Leina “Jehofa” ka Sehebera le emelwa ke ditlhaka tse nnè tsa יהוה (YHWH) tse di bidiwang Thaterakeramatone. Ga go itsiwe gore leina leno le ne le bidiwang jang ka Sehebera sa bogologolo. Le fa go ntse jalo, lekgetlo la ntlha fa leina la Modimo le ne le dirisiwa mo Baebeleng ya Seesemane e ne e le ka 1530 mo thanolong ya ga William Tyndale. *

Goreng go sa itsiwe gore leina la Modimo le ne le bidiwa jang ka Sehebera sa bogologolo?

Sehebera sa bogologolo se ne se kwalwa ka ditumammogo fela, se se na ditumanosi. Fa Mohebera a bala, go ne go le motlhofo gore a itsenyetse ditumanosi tse di tshwanelang. Le fa go ntse jalo, morago ga go kwalwa ga Dikwalo Tsa Sehebera (Tesetamente e Kgologolo), Bajuda ba le bantsi ba ne ba setse ba na le moila wa gore ga go a siama go buela leina la Modimo kwa godimo. Ka jalo, fa ba balela dikwalo tse di nang le leina la Modimo kwa godimo, ba ne ba le emisetsa ka mareo a a jaaka “Morena” kgotsa “Modimo.” Fa dingwaga di ntse di feta, moila ono o ile wa anama mme tsela e le neng le bidiwa ka yone bogologolo e ne e sa tlhole e itsiwe. *

Bangwe ba dumela gore leina leo le ne le bidiwa “Yahweh,” fa ba bangwe bone ba akantsha gore le ka tswa le ne le bidiwa ka ditsela tse dingwe. Momeno wa Lewatle le le Suleng o o nang le karolo nngwe ya buka ya Lefitiko ka Segerika, o kwala leina la Modimo e le Iao. Gape bakwadi ba bogologolo ba Bagerika ba akantsha gore le bidiwe Iae, I·a·be′, le I·a·ou·e′ mme ga go epe ya dikakantsho tseno tse di tlhomamisang gore leina leno le ne le bidiwa jang ka Sehebera sa bogologolo. *

Dikgopolo tse di phoso ka leina la Modimo mo Baebeleng

Kgopolo e e phoso: Dithanolo tsa Baebele tse di dirisang leina “Jehofa” di le itsenyeditse.

Boammaaruri: Lefoko la Sehebera le le emelang leina la Modimo le tlhaga makgetlo a ka nna 7 000 mo Baebeleng. * Baranodi ka bontsi ba swetsa ka go ntsha leina la Modimo ba bo ba dirisa sereto se se jaaka “Morena” mo boemong jwa lone.

Kgopolo e e phoso: Modimo Mothatayotlhe ga a tlhoke leina le le mo tlhaolang.

Boammaaruri: Modimo ka boene o tlhotlheleditse bakwadi ba Baebele gore ba dirise leina la gagwe makgetlo a le mantsi a bo a re batho ba ba mo obamelang ba le dirise. (Isaia 42:8; Joele 2:32; Malaki 3:16; Baroma 10:13) Tota e bile, Modimo o ne a kgala baporofeti ba maaka ba ba neng ba leka go dira gore batho ba lebale leina la gagwe.—Jeremia 23:27.

Kgopolo e e phoso: Fa re latela ngwao ya Bajuda, re tshwanetse go ntsha leina la Modimo mo Baebeleng.

Boammaaruri: Bakwadi bangwe ba Bajuda ba ne ba gana go bitsa leina la Modimo. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba le ntsha mo Dibaebeleng tsa bone. Tota e bile, Modimo ga a batle gore re sale dingwao dipe tsa batho morago tse di ka re katosetsang kgakala le ene.—Mathaio 15:1-3.

Kgopolo e e phoso: Leina la Modimo ga le a tshwanela go dirisiwa mo Baebeleng ka ntlha ya gore ga go itsiwe gore le ne le bidiwa jang ka Sehebera.

Boammaaruri: Go akanya jaana go dira gore e nne e kete Modimo o batla gore batho ba ba buang dipuo tse di farologaneng ba bue leina la gagwe ka go tshwana. Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore baobamedi ba Modimo ba mo nakong e e fetileng ba ba neng ba bua dipuo tse di farologaneng ba ne ba sa bitse maina ka tsela e e tshwanang.

Ka sekai, akanya ka moatlhodi wa Moiseraele e bong Joshua. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba bua Sehebera ba ka bo ba mmiditse Yehoh·shu′aʽ, mme ba ba buang Segerika ba ka bo ba rile I·e·sous′. Baebele e dirisa leina la ga Joshua la Sehebera le ranotswe ka Segerika, mo go bontshang gore Bakeresete ba ne ba bitsa maina go ya ka dipuo tsa bone.—Ditiro 7:45; Bahebera 4:8.

Ka jalo, go ka dirisiwa tsela e e tshwanang go ranola leina la Modimo. Go botlhokwa go busetsa leina la Modimo mo maemong a lone a a tshwanetseng mo Baebeleng go na le go tlhoma mogopolo mo go reng le buiwa jang.

^ ser. 3 Fa Tyndale a ne a ranola dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele o ne a dirisa leina “Iehouah.” Fa nako e ntse e ya, puo ya Seesemane e ne ya fetoga, ka jalo tsela e leina leno le peletiwang ka yone le yone e ne ya fetoga go tsamaisana le tsela e puo eno e neng e buiwa ka yone. Ka sekai, ka 1612 Henry Ainsworth o ne a dirisa leina “Iehovah” mo thanolong ya gagwe ya buka ya Dipesalema. Ka 1639 fa a ne a e tlhabolola o ne a dirisa leina “Jehovah.” Baranodi ba Baebele ya American Standard Version ya 1901, ba ne ba dira se se tshwanang ka go dirisa leina “Jehovah” gongwe le gongwe mo leina la Modimo le neng le tlhaga teng mo mokwalong wa Sehebera.

^ ser. 4 Kgatiso ya Bobedi ya New Catholic Encyclopedia, Bolumo 14, tsebe 883-884 ya re: “Nakonyana fa batho ba sena go boa go tswa kwa botshwarwa, ba ne ba simolola go tlotlomatsa leina Yahweh mme ga simolola mokgwa wa go dirisa ADONAI kgotsa ELOHIM mo boemong jwa lone.”

^ ser. 5 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona karolo 1 ya setlhogo se se reng “Leina la Modimo mo Dikwalong Tsa Sehebera” mo bukaneng ya Kaedi ya go Ithuta Lefoko la Modimo.

^ ser. 7 Bona kgatiso ya Theological Lexicon of the Old Testament, Bolumo 2, tsebe 523-524.