Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo ke Mang?

Modimo ke Mang?

Batho ba le bantsi ba re ba dumela mo Modimong. Mme fa o ba botsa gore Modimo ke mang, dikarabo tsa bone ga di tshwane. Batho bangwe ba re Modimo o setlhogo e bile o emetse gore motho a dire dilo tse di maswe a bo a mo otlhaya. Ba bangwe ba re Modimo o a re rata e bile o a re itshwarela le fa re ka leofa jang. Go na le ba ba dumelang gore Modimo o kgakala le rona le gore ga a re kgathalele. Dikgopolo tseno tse di farologaneng di dirile gore batho ba le bantsi ba akanye gore ga go na ope yo o itseng gore Modimo ke mang.

A go botlhokwa go itse gore Modimo ke mang? Ee. Go itse Modimo go ka fetola botshelo jwa rona ka ditsela tse di farologaneng. (Ditiro 17:26-28) Fa re ntse re ithuta ka ene e bile re mo atamela, le ene o tla re rata le go re thusa. (Jakobe 4:8) Go itse Modimo sentle go ka dira gore re nne le botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 17:3.

O ka dirang gore o kgone go itse Modimo? A re dire sekai ka tsala ya gago. Go tlile jang gore lo feleletse lo le ditsala? Gongwe o simolotse ka go itse leina la gagwe, gore ke motho yo o ntseng jang, dilo tse a di ratang le tse a sa di rateng, dilo tse a di dirileng mo nakong e e fetileng le tse a ikaeletseng go di dira mo nakong e e tlang, jalo le jalo. Go itse dilo tseno ka ene ke gone go dirileng gore lo nne ditsala.

Ka tsela e e tshwanang, go itse dikarabo tsa dipotso tseno go ka re thusa gore re kgone go itse Modimo:

Makasine ono o tlile go araba dipotso tseno go tswa mo Baebeleng. Gape o tlile go go thusa go itse Modimo le go bona gore seo se ka go thusa jang.