Fetela kwa tshedimosetsong

“Eno ke Mpho e e Tswang Kwa Modimong”

“Eno ke Mpho e e Tswang Kwa Modimong”

Cluj-Napoca ke nngwe ya ditoropo tse dikgolo tsa kwa Romania. Ka April 20-24, 2016, go ile ga nna le tiragalo nngwe e e kgethegileng kwa toropong eo. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ya kwa go yone mme ba fitlha ba tlotla le batho ka botlhokwa jwa go dirisa Baebele mo botshelong. Gape ba ile ba bontsha batho dibidio, dikgatiso tsa Baebele le Dibaebele tse di farologaneng.

Barutanabana ba dikolo tse di farologaneng ba ile ba isa baithuti kwa lefelong le Basupi ba neng ba beile dikgatiso tsa bone kwa go lone. Baithuti ba ne ba kgatlhiwa thata ke dibidio tsa Nna Tsala ya ga Jehofa, mme bontsi jwa bone ba ile ba kopa kgatiso ya Buka Ya me Ya Dipolelo tsa Baebele le boroutšhara jwa Ruta Bana ba Gago. Mmê mongwe yo o tlhokomelang bana o ile a raya modirimmogo le ene a re: “Re tlhoka go kwala website [www.isa4310.com] eno gore re kgone go bontsha bana ba bangwe dibidio tseno.”

Baithuti ba bangwe ba ba godileng ba ile ba kgatlhiwa ke dibidio tse dingwe tse di diretsweng basha. Dibidio tseo di ne di akaretsa bidio ya A o A go Rata Kgotsa o Tseegile Maikutlo?, Dirisa Social-Network ka Botlhale le ya Fenya Mokgerisi Kwantle ga go Lwa le Ene.

Moruti mongwe wa kereke ya Orthodox le mosadi wa gagwe ba ne ba ya kwa lefelong le Basupi ba neng ba le kwa go lone mme ba kopa Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo le diboroutšhara dingwe. Moruti yono o ile a tlhalosa gore o kgatlhiwa ke matsapa a a tserweng go ranola Baebele eno le dilo dingwe tse di mo go yone. O ile a naya Basupi dinomoro tsa gagwe tsa mogala mme a kopa gore ba mo etele ba tle go tlotla le ene ka Baebele.

Mosadi wa gagwe o ile a botsa gore a ka bona kae tshedimosetso ya bana mo websiteng mme Basupi ba ile ba mmontsha yone. Go tswa foo, o ne a leba bidio ya Bua Nnete mme o ile a e itumelela thata. Fa ba sena go bona website eno le tshedimosetso e e mo go yone, monna wa gagwe o ne a re: “Eno ke mpho e e tswang kwa Modimong.”