Fetela kwa tshedimosetsong

Go Itsise Batho ka JW.ORG Kwa Dipontshong Tsa Dibuka Kwa Toronto

Go Itsise Batho ka JW.ORG Kwa Dipontshong Tsa Dibuka Kwa Toronto

Ka November 13 go ya go 16, 2014, kwa holong ya dikopano ya Toronto, go ne go na le Dipontsho Tsa Boditšhabatšhaba Tsa Dibuka. E ne e le dipontsho tsa dibuka tse di gatisitsweng le tsa ileketeroniki. Go ne ga tla batho ba feta 20 000 mo malatsing a le manè.

Bangwe ba batho ba ba neng ba bontsha dibuka tsa bone e ne e le Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba tlhomile lefelo le lentle le le ngokang. Go ne go na le dikhaontara tsa di-tablet tse di neng di dirisediwa go bontsha batho go dirisa jw.org.

Mongwe wa barulaganyi ba tiragalo eo o ne a re: “Website ya lona e mo dinakong tota. Ke akanya gore batho ba tshwanetse go tsaya malebela mo go lona.” Baeti ba re website eo e bontsha bothakga, go motlhofo go e dirisa le gore e araba dipotso tsa botlhokwa tota. Gape ba ne ba kgatlhilwe ke gore e thusa motho go lebana le mathata.

Basupi ba ba neng ba bontsha batho website, ba re bontsi jwa batho ba ne ba sa itse sepe ka website eno. Bontsi jwa bone ba ne ba tsaya karata ya go ikgolaganya le rona kgotsa pampitshana ya Re ka Bona Kae Dikarabo Tsa Dipotso Tse di Botlhokwa ka Botshelo? Batho ba le bantsi ba ne ba re ba tla etela website eno gape, mme ba bangwe ba kopa go etelwa ke Basupi.

Labotlhano e ne e le “Letsatsi la Bana” kwa dipontshong, ka jalo Basupi ba ne ba bontsha batho dilo tsa bana mo jw.org. Nako le nako fa baithuti le barutabana ba feta ba ne ba ema ba bo ba leba.

Monna mongwe yo o tswang kwa Chicago yo o berekelang khampani e e gatisang Dibaebele o ne a re o rata tsela e Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e dirilweng ka yone. O ne a batla go ikgolaganya le batho ba ba e gatisitseng mme a newa karata ya go ikgolaganya le Basupi.

Website ya jw.org e na le dipuo di le 700. Baeti ba ne ba tsena mo go yone ka dipuo di le 16 jaaka, Se-Amharic, Se-Bengali, Se-China, Seesemane, Sefora, Segerika, Se-Gujarati, Se-Hindi, Se-Korea, Sepotokisi, Se-Spain, Se-Sweden, Se-Tamil, Se-Tigrinya, Se-Urdu le Se-Vietnam.

Mosupi mongwe yo o neng a bontsha batho jw.org, a re o bone pharologanyo e kgolo fa gare ga go bolelela batho ka website eno le go ba e bontsha. O ne a re: “Re ne ra nna le ditshono tse dintsi tsa go bontsha batho website eno.”