Fetela kwa tshedimosetsong

Dikgang Tse di Molemo di Fitlha Kwa Babereking ba Dikepe

Dikgang Tse di Molemo di Fitlha Kwa Babereking ba Dikepe

Mo lefatsheng lotlhe, go ka tswa go na le babereki ba dikepe ba le milione le halofo. E re ka ba ema mo maemakepeng a a farologaneng, Basupi ba ga Jehofa ba kgona jang go ba bolelela molaetsa wa Baebele? Fa sekepe se fitlha fa boemakepeng, Basupi ba ba thapisitsweng ba kopa go tsena mo sekepeng gore ba neye kapotene le badiri ba bangwe dikgatiso tsa Baebele ka dipuo tsa bone.

Go ile ga nna le diphelelo dife? Mosupi mongwe yo o bidiwang Stefano yo o rerang kwa boemakepeng jwa Vancouver kwa Canada a re: “Batho ba le bantsi ba akanya gore banna botlhe ba ba berekang mo dikepeng ba tala e bile ga ba kgathalele ope. Le fa go na le ba le mmalwa ba ba ntseng jalo, bontsi jwa ba re kopanang le bone ke batho ba ba boikobo e bile ba batla go ithuta [Baebele].” Gape Stefano a re: “Bontsi jwa bone ba dumela mo Modimong e bile ba batla gore a ba segofatse, ke ka moo gantsi ba re amogelang ka diatla tsoopedi.” Magareng ga September 2015 le August 2016, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tsena mo dikepeng tse di farologaneng makgetlo a feta 1 600 kwa Vancouver fela! Basupi ba ile ba ba naya dikgatiso tse dintsi tsa dipuo tse di farologaneng mme ba feta 1 100 ba ile ba simolola go ithuta Baebele.

Ba Thusiwa Jang Gore ba Tswelele ba Ithuta Baebele?

E re ka Basupi ba rera mo maemakepeng a a farologaneng mo lefatsheng lotlhe, fa motho yo o berekang mo sekepeng a batla go tswelela a ithuta Baebele, a ka kgona go dira jalo kwa boemakepeng jo bongwe. Ka sekai, ka May 2016, Basupi ba ga Jehofa kwa Vancouver ba ile ba rerela Warlito, yo e neng e le moapei. Ba ile ba mmontsha bidio ya Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? mme ba simolola go mo ruta Baebele ba dirisa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! Warlito o ne a itumetse e bile a batla go tswelela a ithuta Baebele mme gone sekepe sa gagwe se ne se lebile kwa boemakepeng jo bo kgakala jwa Paranaguá kwa Brazil.

Fa sekepe sa ga Warlito se goroga kwa boemakepeng jwa Paranaguá morago ga kgwedi, o ne a gakgametse tota fa a bona Basupi ba babedi ba kwa Brazil ba mmatla e bile ba mmitsa ka leina! Ba ne ba mmolelela gore Basupi ba kwa Vancouver ba ba romeletse kopo ya gagwe. Warlito o ne a itumeletse go kopana le Basupi bano e bile o ne a tlhalosa gore o lebogela le go bo go ile ga tsewa matsapa a go ikgolaganya le ene. O ne a re o tla tswelela a ithuta Baebele le Basupi fa a goroga kwa boemakepeng jo bo latelang.