Fetela kwa tshedimosetsong

A Basupi ba ga Jehofa ba Dumela mo Tesetamenteng e Kgologolo?

A Basupi ba ga Jehofa ba Dumela mo Tesetamenteng e Kgologolo?

 Ee. Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Baebele yotlhe e ‘tlhotlheleditswe ke Modimo e bile e tswela mosola.’ (2 Timotheo 3:16) Seo se akaretsa Dikwalo tse di itsegeng e le Tesetamente e Kgologolo le Tesetamente e Ntšha. Gantsi Basupi ba ga Jehofa ba bitsa dikarolo tseno tsa Baebele Dikwalo Tsa Sehebera le Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Ka go dira jalo, re tila go naya batho kgopolo ya gore dikarolo dingwe tsa Baebele di siilwe ke nako kgotsa ga di botlhokwa.

Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tlhoka Tesetamente e Kgologolo le Tesetamente e Ntšha?

 Modimo o ne a tlhotlheletsa moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo go kwala jaana: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya.” (Baroma 15:4) Ka jalo go na le tshedimosetso ya botlhokwa thata mo Dikwalong Tsa Sehebera e e ka re solegelang molemo. E akaretsa dipego tsa dilo tse di diregileng le kgakololo e e mosola.

  •   Dipego tsa dilo tse di diregileng. Dikwalo Tsa Sehebera di na le pego e e tlhalosang ka popo le gore go tlile jang gore batho ba leofe. Kwantle ga tshedimosetso eo, re ne re ka se bone dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di jaaka gore: Re tswa kae? Ke ka ntlha yang fa batho ba swa? (Genesise 2:7, 17) Mo godimo ga moo, Dikwalo Tsa Sehebera di tlhalosa kafa Jehofa Modimo a neng a dirisana ka gone le batho ba ba neng ba lebana le maemo a a itumedisang le a a thata a a tshwanang le a re lebanang le one.​—Jakobe 5:​17.

  •   Kgakololo e e mosola. Dibuka tsa Diane le Moreri, tse e leng karolo ya Dikwalo Tsa Sehebera, di na le botlhale jo bo sa felelweng ke nako jo bo ka re solegelang molemo mo botshelong. Di naya kgakololo malebana le kafa batho ba ka itumelelang botshelo jwa lelapa ka gone (Diane 15:17), kafa ba ka nnang tekatekano ka gone mo dikgannyeng tsa tiro (Diane 10:4; Moreri 4:6), le kafa basha ba ka itumelelang bosha jwa bone ka gone (Moreri 11:9–​12:1).

 Mo godimo ga moo, re ka solegelwa molemo ke go ithuta Molao wa ga Moshe o o mo go Torah (dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele). Le fa Bakeresete ba se ka fa tlase ga Molao oo, o na le melaometheo ya botlhokwa e e ka re thusang go tshela botshelo jo bo itumedisang.—Lefitiko 19:18; Duteronome 6:5-7.