Fetela kwa tshedimosetsong

A go Lebeletswe Gore ke Nne Mosupi wa ga Jehofa fa ke Ithuta Baebele le Bone?

A go Lebeletswe Gore ke Nne Mosupi wa ga Jehofa fa ke Ithuta Baebele le Bone?

 Nnyaa, ga o patelesege go dira jalo. Batho ba le bantsi ba ithuta Baebele le rona ntle le gore ba nne maloko a diphuthego tsa rona. a Boikaelelo jwa rona ke go bontsha batho se Baebele e se rutang. Go tswa mo go wena gore o tla dirang fa o setse o itse gore Baebele e ruta eng. Re dumela gore motho ke ene a itirelang tshwetso.—Joshua 24:15.

A nka dirisa Baebele ya me ka nako ya fa re ithuta?

 Ee. Le fa re rata go dirisa Baebele ya Thanolo ya Lefatshe ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka gonne e dirisa puo ya bosheng, re ka go naya Baebele eo mahala fa o e batla, mme gone re ka itumela thata fa o dirisa Baebele ya gago. O kgona go ithuta molaetsa wa Baebele mo thanolong nngwe le nngwe ya Baebele.

Goreng lo ithuta le batho mme ba sa nne Basupi ba ga Jehofa?

  •   Re dira seno ka ntlha ya go bo re rata Jehofa Modimo ka gonne o batla gore Bakeresete ba rute batho ba bangwe dilo tse ba di ithutileng. (Mathaio 22:37, 38; 28:19, 20) Re go tsaya e le tlotla e kgolo go nna “badirimmogo le Modimo” go thusa batho go ithuta Lefoko la gagwe.—1 Bakorintha 3:6-9.

  •   Gape re dira seno ka gonne re rata baagelani ba rona. (Mathaio 22:39) Re itumelela go ruta ba bangwe ka dilo tse di molemo tse re ithutileng tsone.—Ditiro 20:35.

a Fa re leba dipalopalo tsa rona tsa ngwaga wa 2023, re ile ra tshwara dithuto tsa Baebele di le 7 281 212 kgwedi le kgwedi, ka dinako tse dingwe re balela batho ba le mmalwa ka nako e le nngwe. Mme ke batho ba le 269 517 fela ba ba ileng ba kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa.