Fetela kwa tshedimosetsong

Tiro ya Lona e Tshegediwa Jang ka Madi?

Tiro ya Lona e Tshegediwa Jang ka Madi?

 Tsela ya konokono e tiro ya rona e tshegediwang ka madi ka yone ke ka meneelo e e ntshiwang ka go ithaopa ke Basupi ba ga Jehofa. Ga go na dikoleke dipe tse di phuthiwang mo dipokanong tsa rona e bile maloko a rona ga a patelediwe go ntsha ditsabosome. (Mathaio 10:7, 8) Go na le moo, go bewa mabokoso a meneelo mo mafelong a re tshwarelang dipokano mo go one e le gore fa mongwe a rata go ntsha moneelo, a dire jalo. Batho ba ba ntshang meneelo ga ba umakwe ka maina.

 Selo sengwe se se dirang gore meneelo ya rona e laolwe sentle ke ka gonne re se na baruti ba ba duelwang. Mo godimo ga moo, Basupi ga ba duelelwe tiro ya go rera ka ntlo le ntlo le gore mafelo a rona a kobamelo ga se a maphatsiphatsi.

 Meneelo epe fela e e romelwang kwa diofising tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa e dirisediwa go namola batho ba ba amilweng ke dikotsi tsa masetlapelo a tlholego, go ema nokeng barongwa le badiredi ba rona ba ba etang, go thusa go aga mafelo a rona a kobamelo mo dinageng tse di humanegileng, go gatisa le go romela Dibaebele le dikgatiso tse dingwe tsa Bokeresete.

 Mongwe le mongwe o itirela tshwetso ya gore a o batla go ntsha moneelo wa ditshenyegelo tsa phuthego ya gaabo, wa tiro ya lefatshe lotlhe, kgotsa go ntsha meneelo eno ka bobedi. Phuthego nngwe le nngwe ka metlha e rulaganya pego ya tsa madi gore maloko otlhe a itse kafa madi a dirisitsweng ka teng.