Fetela kwa tshedimosetsong

A lo Na le Baruti ba ba Duelwang?

A lo Na le Baruti ba ba Duelwang?

 Basupi ba ga Jehofa ba latela sekao sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ke sone se ba se nang batho ba go tweng ke baruti le ba go tweng ke batho fela. Maloko otlhe a a kolobeditsweng ke badiredi ba ba tlhomilweng mme ba nna le seabe mo tirong ya go rera le go ruta. Basupi ba rulagantswe ka diphuthego tse di nang le maloko a ka nna 100. Banna ba ba godileng sentle semoyeng mo phuthegong nngwe le nngwe ba direla e le “banna ba bagolwane,” kgotsa bagolwane. (Tito 1:5) Ba dira tiro eno kwantle ga go duelelwa ditirelo tsa bone.