Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Rulaganya Tsela e o Batlang go Bala Dikgatiso ka Yone mo Windows

Rulaganya Tsela e o Batlang go Bala Dikgatiso ka Yone mo Windows

JW Library e na le dikarolo di le mmalwa tse di go thusang go rulaganya tsela e o batlang go bala dikgatiso ka yone. Fa o batla go bula dikarolo tseno, tobetsa mela e meraro e e ka fa molemeng kwa godimo ga sekirini.

O ka nna wa tlhoka go tobetsa didoto tse tharo tse di ka fa mojeng kwa godimo mo sekirining.

Latela ditaelo tseno fa o dirisa karolo eno:

 Fetola Puo

Fa o bala kgaolo kgotsa setlhogo sengwe, o kgona go fetola puo e o balang ka yone.

  • Tobetsa letshwao leno gore o bone dipuo tsotlhe tse kgatiso eno e ranoletsweng mo go tsone. Dipuo tse o di dirisang thata di tlhagelela kwa godimo. Tora ya Tebelo e e dirisang puo e e tlhofofaditsweng le yone e tlhagelela fano. Gape o ka thaepa puo e o e batlang.

  • Fa o bona leru gaufi le puo e e rileng, seo se raya gore ga o ise o tsenye puo eo mo sedirisiweng sa gago. Tobetsa puo eo gore o e tsenye mo sedirisiweng sa gago. Fa kgatiso e tsene, leru leo le tla nyelela. Tobetsa kgatiso eo gape fa o batla go e bala ka puo eo.

 Fetola Bogolo Jwa Mokwalo

O kgona go oketsa bogolo jwa mokwalo.

Fa o bala kgatiso, tobetsa didoto tse tharo tse di ka fa mojeng wa sekirini kwa godimo o bo o tobetsa Text Settings gore o fokotse kgotsa o oketse mokwalo. O tla bala dikgatiso tsotlhe mo app eno ka bogolo jwa mokwalo o o o tlhophileng.

 Dira Gore go Tlhage Mokwalo Fela Kgotsa Ditshwantsho

Dikgatiso tse dingwe di kgona go tlhaga di na le setshwantsho kgotsa e le mafoko fela.

  • E Tlhage ka Ditshwantsho: Fa o tlhophile karolo eno, setshwantsho se tla tlhaga fela jaaka se ntse mo kgatisong e e printilweng. Go na le batho ba ba ratang go dirisa karolo eno mo dikgatisong tse di jaaka buka ya rona ya dipina ka gonne e tlhaga ka dinoto.

  • E Tlhage ka Mokwalo Fela: Mo karolong eno, ditemana tsa Baebele di beilwe e le dilinki tse fa o di tobetsa, di tla tlhagang ka bogolo jwa mokwalo o o o tlhophileng.

 Bula Kgatiso mo Laeboraring ya mo Internet

Tobetsa letshwao le le fa thoko ga didoto tse tharo fa o batla go bula kgatiso e o e balang mo Watchtower ONLINE LIBRARY.

 Rulaganya Dibaebele Tsa Gago

Fa o tobetsa temana ya Baebele mo kgatisong e o e balang, temana eo e tla tlhaga fa thoko. Kwa tlase go na le karolo e e reng Customize, e tobetse fa o batla gore temana eo e tlhage ka Dibaebele tse o di batlang.

Tobetsa Add kgotsa Remove fa o batla go ntsha thanolo nngwe ya Baebele kgotsa go e tsenya. Fa o batla go rulaganya Dibaebele tsa gago, tobetsa Baebele o bo o e gogela kwa godimo kgotsa kwa tlase.

Bona dintlha tsa “Go Tsenya Dibaebele Le go Di Rulaganya mo Windows” go ithuta gore o ka tsenya jang Dibaebele tse di oketsegileng mo JW Library.

Diphetogo tseno di ile tsa gololwa ka March 2015 mo JW Library 1.4, mme di bereka mo didirisiweng tsa Windows 8.1 kgotsa tse di tlileng morago ga yone. Fa di sa tlhagelele mo sedirisiweng sa gago, tsweetswee latela ditaelo tse di mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library mo Windows” mo karolong e e reng Get the Latest Features.