Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LANGUAGE

Dikarolo Tsa JW Language

Dikarolo Tsa JW Language

E na Le Dipuo Tse Dintsi

Tlhopha puo ya gago kgotsa e o batlang go e ithuta mo dipuong tseno tse 18. O ka tlhopha Se-Bengali, Se-China (Se se Tlhofofaditsweng) se rekotilwe ka Se-Mandarin, Seesemane, Sefora, Se-Hindi, Se-Indonesia, Se-Italy, Sejapane, Sejeremane, Se-Korea, Se-Myanmar, Sepotokisi, Se-Russia, Se-Spain, Seswahili, Se-Tagalog, Se-Thailand le Se-Turkey.

Mafoko a a Dirisiwang mo Tirong ya go Rera

Mafoko le dipolelwana tse di mo JW Language ke tse di dirisiwang thata mo tirong ya go rera, ya go ruta le mo Baebeleng. Go na le dipampitshana di le mmalwa tse di bapisitsweng ka puo ya gago le ka puo e o batlang go e ithuta.

Ditsela Tse di Farologaneng Tsa go Ithuta

  • Bala: Mafoko a puo ya gago le a puo e o e ithutang a bapisitswe

  • Reetsa: Mafoko, dipolelwana le dikgatiso tse di rekotilweng ka puo ya gago

  • Leba: Bidio ya Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? le ya Thuto ya Baebele e Tshwarwa Jang? ka puo ya gago le ka puo e o e ithutang

  • Teko: Go dirisiwa Flash-card mode

Go Rulaganya Mafoko A o A Ratang

Karolo eno e tla go thusa go boloka mafoko a o a dirisang thata kgotsa a a go sokodisang. Gape o kgona go bona mafoko ano ka Flash-Card Mode.

Ditlhaka Tsa Mokwalo wa Seroma

Dipuo tse di sa diriseng ditlhaka tsa Seroma mo mokwalong wa tsone di tla tlhagalela ka mokwalo wa Seroma.

Thuso

Fa o na le mathata ka JW Language, tsweetswee tlatsa foromo e e mo Internet o bo o e romela.