Fetela kwa tshedimosetsong

Molawana wa Kafa Tshedimosetso ya Batho e Dirisiwang ka Gone mo Lefatsheng Lotlhe

Molawana wa Kafa Tshedimosetso ya Batho e Dirisiwang ka Gone mo Lefatsheng Lotlhe

KAFA TSHEDIMOSETSO YA BATHO E DIRISIWANG KA GONE

Website ya rona e na le dilo di le dintsi tse di ka bonwang ke mongwe le mongwe go akaretsa le batho ba ba sa ikwadisetsang go e dirisa. Le fa go ntse jalo, dilo tse dingwe di ka dirisiwa fela ke batho ba ba ikwadisitseng, ba ba batlang go tsenya kopo kgotsa ba tshedimosetso ya bone e fetisiwang ke phuthego ya Basupi ba ga Jehofa e dirisa jw.org. Re dirisa tshedimosetso e o re e neileng fa fela o re letla. Fa go ka nna le maemo mangwe a mo go one o sa batleng gore re dirise tshedimosetso ya gago, go ka nna le melao ya naga e e re letlang gore re tswelele re dirisa tshedimosetso ya gago.

Tshedimosetso e o e tsentseng mo website e tla dirisediwa fela dilo tse o ileng wa di kopa mo website ya rona. Dilo tseo di ka akaretsa:

Go Bula Akhaonto. Re tla dirisa aterese ya e-mail e o re nayang yone fa o bula akhaonto mo website eno gore re kgone go ikgolaganya le wena. Ka sekai, fa o lebetse username kgotsa password mme o kopa go thusiwa go tsena mo website, re tla go thusa ka go go romelela molaetsa mo atereseng ya e-mail e o re e neileng.

Go Tsenya Kopo. O ka dirisa website eno go tsenya kopo, kgotsa phuthego ya gago e ka e dirisa go go tsenyetsa kopo. Mo maemong ano, re tla dirisa tshedimosetso e re e newang gore re kgone go diragatsa kopo ya gago. Fa go tlhokega, re tla romela tshedimosetso le kopo ya gago kwa makaleng a mangwe kgotsa kwa mekgatlhong e mengwe e e dirisanang le Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tse di farologaneng.

Go Ntsha Moneelo. Fa o ntsha moneelo ka Internet, re kopa leina la gago le tshedimosetso ya go ikgolaganya le wena. Gore re kgone go amogela meneelo ka credit card, re dirisa ditirelo tsa mo Internet tse di kafa molaong tse di nang le melawana ya tshireletsego. Go ka direga gore re bone tshedimosetso ya gago ya credit card kgotsa dinomoro tsa akhaonto ya banka fa re fetisa moneelo wa gago le go o romela kwa o tlhokang go romelwa teng. Re romela moneelo wa gago re dirisa thulaganyo e e sireletsegileng e bile e dumalana le melao ya Payment Card Industry Data Security Standard (“PCI DSS”). Mokgatlho o tla boloka tshedimosetso ya meneelo e e ntshitsweng ka lobaka lwa dingwaga di le lesome kgotsa go feta. Tshedimosetso eo e akaretsa letlha le go ntshitsweng moneelo ka lone, selekanyo se se ntshitsweng le mokgwa o moneelo o ntshitsweng ka one. Seno se tla re thusa go dira dilo go dumalana le mekgwa e e amogelesegang ya tsa go boloka matlotlo le go re thusa go araba dipotso dipe fela tse o ka di botsang ka nako eo. Ga re na re go go kopa moneelo o o oketsegileng.

Fa o Batla Tshedimosetso e e Oketsegileng Kgotsa o Batla go Ithuta Baebele. O ka dirisa website ya rona go kopa tshedimosetso e e oketsegileng kgotsa go kopa go tshwarelwa thuto ya Baebele mahala. Re tla dirisa tshedimosetso e o re e nayang ka mabaka ano fela. Fa go tlhokega, re tla romela tshedimosetso le kopo ya gago kwa makaleng a mangwe kgotsa kwa mekgatlhong e mengwe e e dirisanang le Basupi ba ga Jehofa.

Dilo Tse Dingwe Tse o Batlang go di Dira. O ka romela tshedimosetso ya gago (e e jaaka leina, aterese ya poso le dinomoro tsa founo) ka maikaelelo a mangwe ntle le a go ntsha moneelo, go tsenya kopo kgotsa go bula akhaonto. Nako le nako fa re kopa tshedimosetso ya gago, re tla go bolelela lebaka la go bo re e tlhoka. Ga re na go dirisa tshedimosetso e o re e nayang kwantle ga mabaka a re a tlhalositseng.

Re dirisa tshedimosetso ya gago fela go dira dilo tse o di kopileng e bile re e boloka go fitlha re diragatsa dilo tse o di kopileng kgotsa ka ntlha ya dilo dingwe tsa semolao. Mo maemong ano, fa o sa batle go re naya tshedimosetso nngwe e re e kopang, ga o na go kgona go tsena mo dilong tse dingwe tsa website ya rona e bile go tla nna thata gore re go thuse.

Tshedimosetso e o e tsenyang mo website ya rona kgotsa e o dirang kopo ka yone, e kgona go bonwa ke batho ba ba tla go thusang go diragatsa kopo ya gago kgotsa batho ba ba berekang ka dilo tsa thekenoloji tse di amanang le website ya rona. Ga re neye ope tshedimosetso ya gago ntle le (1) fa go tlhokega gore re diragatse kopo ya gago e bile re go boleletse; (2) fa re dumela gore go botlhokwa gore re e fetise gore re kgone go dira dilo go dumalana le melao mengwe; (3) fa balaodi ba semolao ba e tlhoka; kgotsa (4) fa re tlhoka go e sireletsa gore e se ka ya dirisiwa ka tsela epe e e sa siamang. Fa o dirisa website eno, o re letla gore re neye batho ba bangwe tshedimosetso eno ka mabaka ano fela. Ga re na go rekisa tshedimosetso ya gago, go gweba ka yone kgotsa go e hirisetsa ope.

GO ROMELA TSHEDIMOSETSO KWA DINAGENG TSE DINGWE

Mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa o na le diofisi tse di farologaneng mo lefatsheng lotlhe. Tshedimosetso e nngwe e e tsenngwang mo website ya rona e bolokelwa kwa United States of America. Go ka direga gore tshedimosetso ya gago e romelwe kwa dinageng tse dingwe tse di nang le melawana ya tshireletsego e e farologanang le ya naga e o nnang kwa go yone. Fa re romela tshedimosetso ya gago, re tla e romela ka tsela e e sireletsegileng. Diofisi tse dingwe tsa Basupi ba ga Jehofa di tshwanetse go latela melawana ya rona ya go sireletsa tshedimosetso ya batho.

Fa o dirisa website eno le fa o re kwalela ka email, o dumalana le gore re romele tshedimosetso ya gago kwa dinageng tse dingwe.

DITSHWANELO TSA GAGO

Nako le nako fa re dirisa tshedimosetso ya gago, re tlhomamisa gore re dirisa tshedimosetso ya bosheng le gore re e dirisetsa dilo tse o di kopileng fela. Go ikaegile ka naga e o nnang mo go yone le melao ya yone ya tshireletsego, o ka tswa o na le ditshwanelo tse di latelang tse di amanang le go sireletsa tshedimosetso ya batho:

  • Go dumalana le melao ya naga e o nnang mo go yone, o ka kopa go itse gore tshedimosetso ya gago e dirisiwa jang;

  • Fa e le gore tshedimosetso ya gago ga e a felela kgotsa go na le sengwe se se phoso ka yone, o ka kopa go e bona, go e baakanya, go e phimola kgotsa go kopa gore e se ka ya dirisiwa;

  • Fa go na le mabaka mangwe a a utlwalang, o ka kopa gore re se ka ra tlhola re dirisa tshedimosetso ya gago.

Fa e le gore naga e o nnang mo go yone e na le melawana ya tshireletsego e bile o batla go bona, go baakanya kgotsa go phimola tshedimosetso ya gago, o ka tsena mo tsebeng ya Dinaga Tse di Nang le Melawana ya go Sireletsa Tshedimosetso ya Batho go bona gore o ka ikgolaganya jang le ofisi eo.

Fa e le gore o batla go baakanya tshedimosetso ya gago kgotsa e phimola, o tlhoka go re kwalela le go re naya bosupi jwa gore o mang. Seno se tla re thusa go sekaseka gore a ke ka re go letle go dira jalo kgotsa nnyaa mme re dira jalo go dumalana le kgololesego e mokgatlho ono o nang le yone ya go dira dilo tse di amanang le kobamelo. Gape re tla itsise diofisi tse dingwe tse re dirisanang le tsone fa re fetola sengwe mo tshedimosetsong ya gago.

Tsweetswee ela tlhoko gore tshedimosetso ya gago e ka nna ya se ka ya phimolwa fa e le gore e tlhoka go dirisediwa mabaka mangwe a semolao. Ka sekai, mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa o nna o bolokile tshedimosetso ya motho fa e le gore ke Mosupi wa ga Jehofa. Fa mokgatlho o ka phimola tshedimosetso eo, go tla bo go le kgatlhanong le tsela e mokgatlho ono o dirang dilo ka yone le dilo tse re di dumelang. Fa o kopa gore re phimole tshedimosetso ya gago, re dira jalo go dumalana le melao ya naga kgotsa le melao ya gore tshedimosetso e ka bolokwa ka lobaka lo lo kae. Fa e le gore ga go kgonege gore tshedimosetso ya gago e phimolwe mo website eno, o ka ikuela kwa balaoding ba naga ba ba berekang ka go sireletsa tshedimosetso ya batho.