Fetela kwa tshedimosetsong

Dikitsiso Tsa Semolao

Dikitsiso Tsa Semolao

Tshwanelo ya Bagatisi

© 2014 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, Inc. All rights reserved.

Website eno e gatisitswe le go tlhokomelwa ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc. (“Watchtower”). Ntle le fa go bontshitswe ka tsela nngwe, mokwalo otlhe le tshedimosetso e nngwe e e mo website eno di tlhamilwe ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

Matshwao a Mekgatlho

Adobe, moano wa Adobe, Acrobat, le moano wa Acrobat ke matshwao a Adobe Systems Incorporated. iTunes le iPod ke matshwao a Apple Inc. Matshwao otlhe a mangwe le a a kwadisitsweng semolao ke a beng ba one.

Melawana ya Tiriso le Tetla ya go Dirisa Website

Melawana eno ya Tiriso e laola tsela e o dirisang website ka yone. Ka go dirisa website eno, o a bo o amogela Melawana ya Tiriso ka botlalo. Fa o sa dumalane le Melawana eno ya Tiriso kgotsa le karolo epe ya one, o se ka wa dirisa website eno.

Go kaya eng go dirisa website ka tsela e e tshwanetseng? O ka leba le go itseela dikgatiso tsa ileketeroniki, mmino, mokwalo, dibidio (“Tshedimosetso”) le go printa ditshwantsho tse di kwadisitsweng gore o di dirisetse dilo tsa botho mme e seng go dira kgwebo ka tsone, go dumalana le dithibelo tse di fa tlase le mo dikarolong dingwe tsa Melawana eno ya Tiriso. Ka jalo, o ka se:

  • Tsenye tshedimosetso ya website eno mo Internet (website epe fela, website e go anamisiwang difaele mo go yone kgotsa ya go ikgolaganya le ba bangwe);

  • Gatise Tshedimosetso ya website eno e le karolo ya software application epe fela;

  • Gatise tshedimosetso sesha, wa e kwalolola kgotsa wa e dirisetsa maikaelelo a a sa tshwanelang a go dira kgwebo kgotsa go bona madi (le fa go sa batliwe poelo), se se akaretsang go anamisa dithulaganyo tsa khomputara tse di amanang ka tlhamalalo kgotsa e seng ka tlhamalalo le website eno;

  • Tsene mo website eno ka maikaelelo a go dira kgotsa a go anamisa tshedimosetso e e dirang gore dithulaganyo tsa khomputara di bereke (source code), didirisiwa kgotsa ditsela tsa go tsaya tshedimosetso mo website kgotsa ka tsela nngwe e e e amang;

  • Dirise website eno kgotsa ditirelo tse dingwe tsa yone ka tsela e e botlhaswa, jaaka go kgoreletsa kgotsa go tsena mo website kgotsa ditirelo tse dingwe tsa yone ka tsela e e sa akarediwang mo go diriseng website;

  • Dirise website ka tsela e e tla e tsenyang mo kotsing kgotsa ya dira gore e se ka ya dira sentle; kgotsa ka tsela epe e e seng ka fa molaong, e e tsietsang kgotsa e e kotsi kgotsa ka boikaelelo kgotsa tiro e e seng ka fa molaong, e e tsietsang kgotsa e e kotsi;

  • Dirise website eno ka maikaelelo ape fela a go bapatsa.

Go se Ikobele Melawana ya Tiriso

Fa o sa ikobele Melawana ya Tiriso ka tsela epe fela, go sa kgathalesege gore ke melao efe mo Melawaneng ya Tiriso, Watchtower e ka tsibogela tlolomolao eo ka go tsaya dikgato tse e bonang di tshwanela, se se akaretsang go go sekega mo go diriseng website, go go itsa go dirisa website, go thibela dikhomputara tse di dirisang aterese ya gago ya IP go tsena mo website eno, go ikgolaganya le khampani e e go abelang ditirelo tsa Internet gore e go thibele go tsena mo website eno kgotsa le go go sekisa semolao.

Phetogo

Watchtower e ka tlhabolola Melawana eno ya Tiriso fa nako e ntse e feta. Melawana ya Tiriso e e tlhabolotsweng e tla simolola go dira go tloga ka letlha le e gatisitsweng ka lone mo website. Tsweetswee, gangwe le gape bala Melawana eno ya Tiriso go tlhomamisa gore o tlwaelana le ya bosheng.

Molao le Taolo

Melawana eno ya Tiriso e tla laolwa le go tlhaloganngwa go ya ka melao ya State of New York, U.S.A., kwa ntle ga go tsaya tsia melao e e sa dumalaneng le yone. Kgato epe fela ya semolao e e malebana le Melawana eno ya Tiriso e tla diriwa mo kgotlatshekelong ya molao e e nang le taolo mo State of New York, U.S.A.

Bomasisi

Fa kgotlatshekelo e e nang le dithata tse di lekaneng e atlhola gore karolo nngwe ya Melawana eno ya Tiriso ga e dire kgotsa ga e ka fa molaong, dikarolo tse dingwe tsone di tla tswelela go dira. Fa Watchtower e ka palelwa ke go diragatsa karolo nngwe ya Melawana eno ya Tiriso, seno se tla bo se sa kaye gore karolo kgotsa molawana oo ga o tlhoke go ikobelwa kgotsa go diragadiwa.

Tumalano e e Feletseng

Melawana eno ya Tiriso ke tumalano e e feletseng magareng ga gago le Watchtower malebana le tsela e o dirisang website eno ka teng mme e emisetsa ditumalano dipe tse dingwe tsa mo nakong e e fetileng tse di malebana le tsela e o dirisang website eno ka yone.