Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kokkinakis v. Greece: Droit réservé

Ditshwantsho tse di simololang kafa molemeng go ya kwa tlase: West Virginia State Board of Education v. Barnette; Kokkinakis v. Greece; Taganrog LRO and Others v. Russia; Cha and Others v. South Korea

BOTSHELO JWA BOKERESETE

‘Go Femela Dikgang Tse di Molemo Gore di Rerwe Semolao’

‘Go Femela Dikgang Tse di Molemo Gore di Rerwe Semolao’

Fa baganetsi ba ne ba leka go thibela Baiseraele gore ba age tempele sesha, batho ba ba neng ba e aga ba ile ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba nne le tetla ya semolao ya gore ba tswelele ba aga. (Esr 5:11-16) Ka tsela e e tshwanang, le Bakeresete gompieno ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba femele dikgang tse di molemo le go batla tetla ya go rera. (Baf 1:7) E le gore seno se kgonege, go ile ga tlhomiwa Lefapha la Semolao ka 1936 kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe. Gompieno, Lefapha la Tsa Semolao Kwa Ntlokgolo le rulaganya mafapha a a tla femelang tiro ya go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe. Lefapha leno le ile la thusa jang batho ba Modimo le ditiro tse di direlwang Bogosi?

LEBANG BIDIO YA ITHUTE KA LEFAPHA LA TSA SEMOLAO LE LE KWA NTLOKGOLO YA LEFATSHE LOTLHE, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kopana le dikgwetlho dife tsa semolao?

  • Ke dikgetsi dife tsa semolao tse re ileng ra di fenya? Naya sekai

  • Ke eng se rotlhe re ka se dirang go thusa “go femela” dikgang tse di molemo?

  • Mo websaeteng ya rona, re ka bona kae dikgang tsa semolao tse di amang batho ba ga Jehofa le lenaane la Basupi ba ga Jehofa ba ba kwa kgolegelong ka ntlha ya se ba se dumelang?