Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Setlhabelo sa ga Jesu Se ka Go Tswela Mosola

Setlhabelo sa ga Jesu Se ka Go Tswela Mosola

 Ngwaga le ngwaga, Basupi ba ga Jehofa le batho ba le dimilione ba ba ba laleditseng mo lefatsheng lotlhe ba a kopana, go tshwara segopotso sa loso lwa ga Jesu, fela jaaka a laetse. (Luke 22:19) Tiragalo eno, e re thusa go tlhaloganya botlhokwa jwa se Jesu a neng a se dira fa a ne a ntshetsa batho botshelo jwa gagwe. Gape e re bontsha gore setlhabelo sa gagwe se ka re thusa jang gone jaanong le mo nakong e e tlang.—Johane 3:16.

 Le fa e le gore ngwaga ono ga o kitla o nna gone kwa segopotsong, setlhabelo sa ga Jesu se ka go tswela mosola jang? Jesu o rile re tlhoka go dira dilo tseno tse pedi tsa botlhokwa:

  1.  1. Ithute ka Modimo le Jesu. Fa Jesu a rapela Rragwe yo o kwa legodimong, o ile a re: “E le gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng ba tshwanetse go go itse, wena Modimo yo o esi wa boammaaruri, e bile ba tshwanetse go itse yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

  2.  2. Dirisa se o se ithutang. Jesu o ne a re go botlhokwa gore re dire dilo tse a re rutang tsone. Ka sekai, fa a ne a rera kwa Thabeng, o ne a konela thero ya gagwe ka go akgola mongwe le mongwe ‘yo o utlwang mafoko a gagwe a bo a a ikobela.’ (Luke 6:46-48) Gape mo lekgetlong le lengwe o ne a bua jaana: “Fa lo itse dilo tseno, lo tla itumela fa lo di dira.”—Johane 13:17.

 A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka Modimo le Jesu? A o batla dikgakololo tse di tla go thusang go dirisa se o se ithutang? Tshedimosetso e nngwe e e ka go thusang ke eno.

Thuto ya Baebele

 Thuto ya rona ya mahala ya Baebele e thusitse batho ba le bantsi go tlhatlhoba se se mo Baebeleng le go se dirisa.

  •   Go ithuta mo go oketsegileng ka thulaganyo eno, tsena mo tsebeng ya Go Ithuta Baebele le Mongwe Yo o Ka go Thusang.

  •   Go bona gore go ntse jang go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, leba bidio ya Itumelele go Ithuta Baebele.

Dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa

 Basupi ba ga Jehofa ba kopana gabedi mo bekeng kwa lefelong la bone la kobamelo le le bidiwang Holo ya Bogosi. Kwa dipokanong tseno, re tlotla ka Baebele le go re re ka dirisa jang se re se ithutang mo go yone.

 Mongwe le mongwe a ka nna gone; ga o tlhoke gore o bo o le Mosupi gore o nne gone. Go tla ikaega ka maemo a lefelo le o nnang mo go lone go re a o ya kwa Holong kgotsa o tsena dipokano ka bidio.

  •   Go bona gore go diragala eng kwa dipokanong, leba bidio ya Go Dirwang Kwa Holong ya Bogosi?

Ditlhogo le dibidio tse di mo inthanete

 Ditlhogo le dibidio tse dintsi mo websaeteng eno, di ka go thusa go ithuta mo go oketsegileng ka dithuto tsa ga Jesu le ka botlhokwa jwa setlhabelo sa gagwe.

 Ka sekai, fa o batla go itse gore go kgonega jang gore loso lwa motho a le mongwe lo thuse batho ba le bantsi, bala setlhogo se se reng, “Jesu o re Boloka Jang?” le se se reng, “Goreng Jesu a Ile a Boga A bo A Swa?” kgotsa leba bidio ya Goreng Jesu a Ile a Swa?