Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Francesco Carta fotografo/Moment via Getty Images

Bothata jo bo Golang Jwa go Jewa ke Bodutu—⁠Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Bothata jo bo Golang Jwa go Jewa ke Bodutu—⁠Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Pego nngwe e e dirilweng bosheng e bontsha gore mo lefatsheng lotlhe, a motho a le mongwe mo go ba le banê o jewa ke bodutu.

  •    “Mongwe le mongwe a ka nna le bothata jwa go itlhaola mo go ba bangwe go sa kgathalesege gore o na le dingwaga di kae kgotsa gore o nna kae.”​—Chido Mpemba, mothusi wa modulasetulo wa Khomishene ya tsela e batho ba dirisanang ka gone ya World Health Organization.

 Batho bangwe ba akanya gore batho ba ba godileng kgotsa ba ba nnang ba le bosi ke bone fela ba ba jewang ke bodutu. Le fa go ntse jalo, basha, batho ba ba nang le botsogo jo bontle, ba ba atlegileng le ba ba nyetseng le bone ba ka jewa ke bodutu. Go itlhaola mo bathong ba bangwe le go jewa ke bodutu go ka ama botsogo jwa motho le maikutlo a gagwe.

  •    Mookamedi wa dingaka kwa Amerika Dr. Vivek Murthy a re: “Go jewa ke bodutu ga se go sa ikutlwe sentle fela ka nakwana. Fela jaaka motho a ka bolawa ke go goga disekerete di le 15 ka letsatsi, go jewa ke bodutu go ka nna kotsi ka tsela e e tshwanang.”

Se Baebele e se rutang

 Mmopi wa rona ga a batle gore re itlhaole mo bathong ba bangwe. Boikaelelo jwa Modimo ka batho ke gore ba itumelele botsala jo bo molemo le jo bo kgotsofatsang.

  •    Molaomotheo wa Baebele: “Modimo o ne a re: ‘Ga go molemo gore monna a nne a le nosi.’”​—Genesise 2:18.

 Modimo o batla gore re nne ditsala tsa gagwe. O solofetsa gore o tla atamalana le rona fa re leka go atamalana le ene.​—Jakobe 4:8.

  •    Molaomotheo wa Baebele: “Go itumela batho ba ba lemogang gore ba tlhoka go ithuta ka Modimo, ka gonne Bogosi jwa magodimo ke jwa bone.”​—Mathaio 5:3.

 Modimo o batla gore re mo obamele re le mmogo le ba bangwe. Fa re dira jalo re tla itumela.

  •    Molaomotheo wa Baebele: “A re akanyetsaneng gore re tle re tlhotlheletsane go nna le lorato le go dira ditiro tse di molemo. A re se ka ra tlogela go phuthega mmogo, . . . go na le moo, a re kgothatsaneng.”—Bahebera 10:24, 25.

 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng e e bontshang botlhokwa jwa go lwantshana le go jewa ke bodutu, bala setlhogo se se reng “Bodutu mo Lefatsheng la Mafaratlhatlha a Tlhaeletsano.”

a The Global State of Social Connections, by Meta and Gallup, 2023.