Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Comstock Images/Stockbyte via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

O Tla Tlhopha Moeteledipele Ofe?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

O Tla Tlhopha Moeteledipele Ofe?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Mo dibekeng di le mmalwa tse di tlang, go tla bo go na le ditlhopho mo dinageng di le dintsi. Gone jaanong batho ba tshwaragane le go dira ditshwetso tsa botlhokwa tsa gore ba tla tlhopha baeteledipele bafe.

 Baebele e a reng ka kgang eno?

Baeteledipele ba batho ga ba kgone go dira dilo dingwe

 Baebele e tlhalosa gore go na le sengwe se baeteledipele botlhe ba batho ba ka se kgoneng go se falola.

  •   “O se ka wa ikanya dikgosana kgotsa morwa motho, yo a ka se kang a kgona go go boloka. Fa a kgaotsa go hema, o boela mo mmung; mo go lone letsatsi leo, dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.”—Pesalema 146:3, 4, ntlha e e kwa tlase.

 Tota le baeteledipele ba ba nang le bokgoni, kgabagare ba tlile go swa. Mo godimo ga moo, ba ka se netefatse gore batho ba ba tla busang morago ga bone, ba tla tsweledisa ditiro tse di molemo tse ba neng ba di dira.—Moreri 2:18, 19.

 Baebele e tlhalosa gore batho ba ne ba sa bopelwa go ipusa.

  •   “Tota e bile motho ga a kgone go kaela botshelo jwa gagwe.”—Jeremia 10:23.

 A go na le mongwe yo e ka nnang moeteledipele yo o molemo gompieno?

Moeteledipele yo o tlhomilweng ke Modimo

 Baebele e tlhalosa gore Modimo o tlhomile moeteledipele yo o nang le bokgoni le yo o ka ikanngwang: Jesu Keresete. (Pesalema 2:6) Jesu ke ene Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, e leng puso e e tla busang lefatshe e le kwa legodimong.—Mathaio 6:10.

 A o tla tlhopha go busiwa ke Jesu? Baebele e tlhalosa gore ke eng fa go dira jalo go le botlhokwa thata:

  •   “Tlotlang morwa [Jesu Keresete], go seng jalo Modimo o tla galefa mme lo tla nyelediwa lo tlosiwa mo tseleng, gonne bogale jwa Gagwe bo tuka ka bonako. Go itumela botlhe ba ba tshabelang mo go Ene.”—Pesalema 2:12.

 Gone jaanong ke nako ya gore o dire tshwetso. Boporofeti jwa Baebele bo tlhalosa gore Jesu o simolotse go busa ka ngwaga wa 1914 le gore go ise go ye kae, Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa dipuso tsa batho bo bo bo busa bo le nosi.—Daniele 2:44.

 Fa o batla go itse mo go oketsegileng kafa o ka emang puso ya ga Jesu nôkeng ka gone, bala setlhogo se se reng “Tshegetsa Bogosi Jwa Modimo Gone Jaanong!