Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 79

Ba Rute go Nitama

Ba Rute go Nitama

(Mathaio 28:19, 20)

  1. 1. Go ruta batho ba Modimo

    Go tlisa boitumelo.

    Re bone fa a ba kaela

    Go fitlha ba ineela.

    (KHORASE)

    Jehofa, re’a go rapela

    Gore o ba tlhokomele.

    Ka leina la ga Jesu: Re a kopa;

    E kete ba ka nitama.

  2. 2. Ka metlha, fa ba ne ba lekwa,

    Re ne re ba tshegetsa;

    E bile re ba rapelela

    Jaanong ba nonofile.

    (KHORASE)

    Jehofa, re’a go rapela

    Gore o ba tlhokomele.

    Ka leina la ga Jesu: Re a kopa;

    E kete ba ka nitama.

  3. 3. A botlhe ba nne pelokgale,

    Gape ba ikanye Jah.

    Ba tlhoka go mo ikobela,

    Mme ba tla bona tuelo.

    (KHORASE)

    Jehofa, re’a go rapela

    Gore o ba tlhokomele.

    Ka leina la ga Jesu: Re a kopa;

    E kete ba ka nitama.