Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 63

Re Basupi ba ga Jehofa!

Re Basupi ba ga Jehofa!

(Isaia 43:10-12)

  1. 1. Ba dira medingwana

    Ga ba itse Jehofa

    Modimo wa nnete

    Mothatayotlhe.

    Mme medimo ya bone

    Ga e na thuso epe.

    Mme Jehofa Modimo ene,

    O na le maatla’a magolo.

    (KHORASE)

    Re Basupi ba ga Jah!

    Re bua re sa boife.

    Tsotlhe tse a di solofetsang

    Ka metlha di’a direga.

  2. 2. Re ruta ka leina,

    La Modimo wa rona.

    Re rerela botlhe,

    ’Kgang tsa Bogosi.

    Re batla gore batho

    Ba itse boammaaruri.

    Mme ba obamele Jehofa,

    Ba mmake ka metlha yotlhe.

    (KHORASE)

    Re Basupi ba ga Jah!

    Re bua re sa boife.

    Tsotlhe tse a di solofetsang

    Ka metlha di’a direga.

  3. 3. Fa re rerela batho,

    Re tlotlomatsa Mmopi.

    Re tlhagisa botlhe,

    Ba ba boikepo.

    O tla ba itshwarela,

    Fa ba ka sokologa.

    Go direla Jah go molemo,

    Go re naya tsholofelo.

    (KHORASE)

    Re Basupi ba ga Jah!

    Re bua re sa boife.

    Tsotlhe tse a di solofetsang

    Ka metlha di’a direga.