Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 26

Lo Diretse Nna

Lo Diretse Nna

(Mathaio 25:34-40)

  1. 1. Ba dinku tse dingwe ba itumelela

    go dira mmogo le ba ba tloditsweng.

    Jesu o tla duela

    ba dinku tse dingwe

    Gonne ba thusitse bomorwarraagwe.

    (KHORASE)

    “Fa lo ba gomotsa, ne lo nkgomotsa.

    Fa lo ba diretse, lo diretse nna.

    Fa lo ba thusitse, lo thusitse nna.

    Mme ke tsaya seo, se direlwa nna.

    Fa lo ba diretse, lo diretse nna.”

  2. 2. “Fa ke ne ke tlhoka kgomotso le dijo,

    ke tlhoka le metsi, lo ne lwa nthusa.”

    Ba tla mmotsa ba re:

    “Re dirile seo leng?”

    Mme Kgosi e tla ba araba e re:

    (KHORASE)

    “Fa lo ba gomotsa, ne lo nkgomotsa.

    Fa lo ba diretse, lo diretse nna.

    Fa lo ba thusitse, lo thusitse nna.

    Mme ke tsaya seo, se direlwa nna.

    Fa lo ba diretse, lo diretse nna.”

  3. 3. “Lo ntse lo’ikanyega, lo dira molemo,

    fa lo ntse lo rera le bomorwarre.”

    Jaanong Kgosi e tla raya

    dinku e re:

    “Ruang lefatshe lo tshelele ruri.”

    (KHORASE)

    “Fa lo ba gomotsa, ne lo nkgomotsa.

    Fa lo ba diretse, lo diretse nna.

    Fa lo ba thusitse, lo thusitse nna.

    Mme ke tsaya seo, se direlwa nna.

    Fa lo ba diretse, lo diretse nna.”