Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 14

Bakang Kgosi e Ntšha ya Lefatshe

Bakang Kgosi e Ntšha ya Lefatshe

(Pesalema 2:12)

  1. 1. Boidiidi bo phuthegile

    go tswa ditšhabeng tsotlhe,

    Bo phuthilwe ke Jesu

    le batlodiwa ba gagwe.

    Jah o tlhomile Bogosi;

    Bo tla dira thato ya ’gwe.

    Dikgang tseno ruri di’a kgatlha,

    Di re naya tsholofelo.

    (KHORASE)

    Bakang Jah, Modimo; le Morwawe ka metlha—

    Ka gonne ke Kgosi’e kgolo.

    Re ikobela puso ya gagwe

    Re baka ene fela.

  2. 2. Re goa ka boitumelo

    re baka Kgosi’a rona.

    Kgosana eno’a Kagiso

    e tla lere poloko.

    Ruri re tla itumela,

    Re sa boife, re sa tshoge;

    Ba ba suleng ba tla tsosiwa.

    Re tla bo re itumetse!

    (KHORASE)

    Bakang Jah, Modimo; le Morwawe ka metlha—

    Ka gonne ke Kgosi’e kgolo.

    Re ikobela puso ya gagwe

    Re baka ene fela.