Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 10

Bakang Jehofa Modimo wa Rona!

Bakang Jehofa Modimo wa Rona!

(Pesalema 145:12)

  1. 1. Bakang Jah! Modimo’a rona!

    Itsiseng leina la gagwe!

    Tlhagisang! Itsiseng botlhe

    Gore ’tsatsi la Jah le gaufi.

    Jaanong eno ke nako ya gore

    Jesu’a buse e le Kgosi.

    Itsiseng botlhe dikgang tseno

    Tsa masego a ga Jehofa!

    (KHORASE)

    Bakang Jah! Modimo’a rona!

    Itsiseng bogolo jwa gagwe!

  2. 2. Bakang Jah! Goeletsang gotlhe!

    Ka boitumelo, goeletsang!

    Re mmake, Ka pelo yotlhe,

    Re itsise batho ka ene.

    Le fa’a le mogolo, a le maatla,

    O molemo mo go rona.

    O reetsa dithapelo tsa rona

    Fa re kopa ka tlhoafalo.

    (KHORASE)

    Bakang Jah! Modimo’a rona!

    Itsiseng bogolo jwa gagwe!