Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A re Agisane Tsala ya Me

A re Agisane Tsala ya Me

Itseele:

  1. 1. Tota kgale, ke imetswe

    Ke go boloka sekgopi.

    Ga ke kgone go itshoka;

    Go lekane. Ke eletsa

    Go’imologa.

    (KHORASE)

    Ke tshwanetse go’itshwarela,

    Mme ke lebale tsa kgale,

    A re leke go buisana,

    Re’agisane, tlhe tsala’a me.

  2. 2. Go botlhokwa go’itshwarela,

    Le go’itshokela ba bangwe.

    Sekao sa Jah se nthusitse.

    O re file Morwa wa ’gwe

    Yo’o rategang!

    (KHORASE)

    Ke tshwanetse go’itshwarela,

    Mme ke lebale tsa kgale,

    A re leke go buisana,

    Re’agisane, tlhe tsala’a me.

    (BRIDGE)

    Ke tsaya kgato.

    Ga nkitla ke senya nako.

    Botsala jwa rona

    Bo botlhokwa fela thata.

  3. 3. Jah Modimo o’a re rata.

    O batla re agisana.

    O’itse gore go’itshwarela

    Ka pelo’otlhe go tla re

    Itumedisa.

    (CHORUS)

    Ke tshwanetse go’itshwarela,

    Mme ke lebale tsa kgale,

    A re leke go buisana,

    Re’agisane, tlhe tsala’a me,

    Re’agisane, tlhe tsala’a me.

    Ke tsaya kgato.