Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

ETSA TUMELO YA BONE | JOSEFA

“A ke Mo Boemong Jwa Modimo?”

“A ke Mo Boemong Jwa Modimo?”

JOSEFA o eme mo tshingwaneng ya gagwe ka lotlatlana. Gongwe o lebile ditlhare tsa maungo a mokolane le a mangwe, matangwana a a nang le dijalo tsa mo metsing le ka kwa ga lobota e leng karolo ya ntlo ya segosi ya ga Faro. A le kgakajana o utlwa modumo mo ntlong ya gagwe; morwawe e bong Manase o dira gore monnawe e bong Eferaime a khinkhinyege. Josefa a ka tswa a akanya ka mosadi wa gagwe a tshega fa a lebile basimanyana ba tshameka. O a nyenya ka gonne a itse gore o atlegile. O ne a itse gore o segofaditswe.

Josefa o ne a naya leitibolo la gagwe leina la Manase ka gonne le kaya go lebala. (Genesise 41:51) Tsela e Modimo a neng a mo segofaditse ka yone mo dingwageng tseno tsotlhe e tshwanetse ya bo e tlositse kutlobotlhoko ya go nna kgakala le legae, bomogoloe le rraagwe. Letlhoo la bomogoloe le fetotse botshelo jwa gagwe. Ba ne ba mo tlhasela, ba leka go mmolaya ba bo ba mo rekisetsa bagwebi gore e nne lekgoba la bone. Go tloga ka nako eo, o ne a lebana le mathata a a seng kana ka sepe. O ne a itshokela go nna lekgoba le legolegwa ka dingwaga di ka nna 12, ka dinako dingwe a le mo mehiring ya tshipi. Mme jaanong, o ne a tlhatlhama Faro ka maemo mo setšhabeng se se thata sa Egepeto! *

Go setse go fetile dingwaga di le mmalwa Josefa a bona dilo tse Jehofa a di boleletseng pele di direga. Egepeto e ne e le mo dingwageng tse di porofetilweng tse supa tsa letlepu fa Josefa a okametse go phuthiwa ka bontsi ga dijo tsa ditlhaka tsa naga eno. Ka nako eo, ene le mosadi wa gagwe e bong Asenathe ba ne ba na le bana ba babedi ba basimane. Le fa go ntse jalo o ne a nna a gopola lelapa la gaabo le le neng le le kgakala tota—segolobogolo monnawe e bong Benjamine le rraagwe e bong Jakobe. Josefa a ka tswa a ne a ipotsa gore a ba siame le gore a ba babalesegile. Gongwe o ne a ipotsa le gore a bomogoloe ba sa ntse ba le dikgoka kgotsa gore a o tla tsamaya a agisana le ba lelapa la gaabo gape.

Fa e le gore lelapa la gago le kgaogantswe ke lefufa, tsietso kgotsa letlhoo go ka tswa go na le sengwe se o tshwanang le Josefa ka sone. Re ka ithuta eng mo tumelong ya ga Josefa fa a ntse a tlhokometse lelapa la gagwe?

“YANG KWA GO JOSEFA”

E re ka Josefa a ne a nna a tshwaregile, dingwaga di ne tsa feta ka bonako. Fela jaaka Jehofa a ne a boleletse pele mo torong ya ga Faro, dingwaga tse supa tsa letlepu di ne tsa latelwa ke tsa leuba. Go ise go ye kae, le ne la anamela le kwa dinageng tsa boagelani. Mme Baebele ya re, “go ne go fitlhelwa dijo di le teng mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.” (Genesise 41:54) Ga go pelaelo gore ponelopele e e tlhotlheleditsweng ya ga Josefa le sekao sa gagwe se se molemo sa go rulaganya dilo di ne tsa solegela Baegepeto molemo.

Jehofa o ne a tswelela a dirisa Josefa ka gonne a ne a nna a ikokobeditse

Baegepeto ba ka tswa ba ne ba ile ba leboga Josefa ka ntlha ya seo le ka go bo e le morulaganyi yo o setswerere. Le fano gape Josefa o ne a batla gore go tlotlomadiwe Modimo wa gagwe e bong Jehofa, e seng ene. Fa re dirisa bokgoni jwa rona mo tirelong ya Modimo, a ka re thusa go dira dilo tse re neng re ka se kgone go di dira.

Fa nako e ntse e tsamaya, Baegepeto le bone ba ile ba amiwa ke leuba go se kae. Fa ba ne ba kopa Faro gore a ba thuse, o ne a ba raya a re: “Yang kwa go Josefa. Le fa e le eng se a se lo rayang, lo se dire.” Ka jalo Josefa o ne a bula mabolokelo fa go neng go tsentswe dijo tse dintsi tsa ditlhaka mme batho ba simolola go reka tse ba neng ba di tlhoka.—Genesise 41:55, 56.

Le fa go ntse jalo, mo dinageng tse di gaufi batho ba ne ba se na thulaganyo eno. Lelapa la gaabo Josefa le le neng le le dikilometara di le makgolo go ya kwa Kanana, le lone le ne le aparetswe ke leuba. Jakobe yo o tsofetseng o ne a utlwela gore go na le dijo tsa ditlhaka kwa Egepeto, ka jalo a roma bomorwawe gore ba ye go reka dijo gone.—Genesise 42:1, 2.

Jakobe o ne a roma bomorwawe ba le lesome mme ba se na le yo mmotlana, Benjamine. Jakobe o ne a sa ntse a gopola sentle fa a roma Josefa yo a mo ratang gore a ye go etela bomogoloe. Leo e ne e le lekgetlo la bofelo Jakobe a bona morwawe. Barwa ba bagolo ba ne ba boela lapeng ba tshwere seaparo se sentle sa ga Josefa—sesupo sa kafa rraagwe a mo ratang le go mo tseela kwa godimo ka gone—se gagogile e bile se tletse madi. Ba ile ba dira gore monnamogolo yo o neng a utlwile botlhoko a dumele gore Josefa o jelwe ke dibatana tsa naga.—Genesise 37:31-35.

“KA BONAKO JOSEFA A GAKOLOGELWA”

Morago ga loeto lo loleele, bomorwa Jakobe ba ne ba goroga kwa Egepeto. Fa ba botsa gore ba ka reka dijo kae, ba ne ba isiwa kwa go Safenathe-panea yo e neng e le molaodimogolo mo pusong. (Genesise 41:45) A fa ba ne ba mmona ba ne ba lemoga gore ke Josefa? Nnyaa, le e seng. Ba ne ba bona mmusi wa maemo a a kwa godimo wa Moegepeto yo ba neng ba tlhoka thuso ya gagwe. Ka tlotlo ba ne ba dira se se neng se tlwaelegile: “Ba mo ikobela difatlhego tsa bone di lebile fa fatshe.”—Genesise 42:5, 6.

Go tweng ka Josefa? O ne a lemoga bomogoloe ka bonako! Mo godimo ga moo, fa a bona ba mo ikobela, o ne a gopola se se mo diragaletseng fa a sa le mosimanyana. Pego eno ya re “ka bonako Josefa a gakologelwa ditoro” tse Jehofa a neng a dirile gore a di bone fa a sa le mosimanyana, ditoro tse di neng di bolelela pele gore bomogoloe ba ne ba tla mo ikobela—e leng se ba neng ba se dira! (Genesise 37:2, 5-9; 42:7, 9) Josefa o ne a tla dira eng? A o ne a tla ba itumelela? A o ne a tla ipusolosetsa?

Josefa o ne a itse gore le fa go ka direga eng, ga a tshwanela go tseega maikutlo. Go a bonala gore Jehofa o ne a kaela dilo tseno tsotlhe tse di neng di direga. E ne e le karolo ya boikaelelo jwa gagwe ka gonne o ne a solofeditse gore losika lwa ga Jakobe e ne e tla nna setšhaba se segolo. (Genesise 35:11, 12) Fa e le gore bomogoloe Josefa ba ne ba sa ntse ba le dikgoka, ba le bogagaru e bile ba sa ikanyege, seo se ne se ka nna le diphelelo tse di utlwisang botlhoko! Kwantle ga moo, fa Josefa a ne a ka dira dilo ka go tseega maikutlo, o ne a ka utlwisa batho ba bangwe ba ba se nang molato botlhoko, gongwe ga bo ga tsenya botshelo jwa ga rraagwe le jwa ga Benjamine mo kotsing. A ba ne ba sa ntse ba tshela? Josefa o ne a dira gore bomogoloe ba se ka ba mo lemoga gore a tle a itse gore tota e ne e le batho ba mofuta ofe. Go tswa foo o ne a tla itse gore Jehofa o batla gore a dire eng.

Gongwe o ka se ka wa lebana le boemo jono. Le fa go ntse jalo, mathata le dikgaogano tsa malapa di aname thata gompieno. Fa re lebana le dikgwetlho tse di jaaka tseno, go ka nna motlhofo gore re dire dilo ka go tseega maikutlo. Go molemo gore re etse Josefa mme re leke go batlisisa gore Modimo o batla gore re rarabolole dikgwetlho tseno jang. (Diane 14:12) Gakologelwa gore le fa go dira kagiso le lelapa go le botlhokwa, go dira kagiso le Jehofa le Morwawe go botlhokwa le go feta.—Mathaio 10:37.

“LO TLA LEKWA”

Josefa o ne a leka bomogoloe ka ditsela tse di farologaneng go bona gore e ne e le batho ba mofuta ofe. O ne a simolola ka go bua le bone ka bogale a dirisa moranodi, a ba latofatsa ka gore ke ditlhola tsa batswakwa. Fa ba ntse ba leka go ipuelela ba ne ba mmolelela ka lelapa la gabone—go akaretsa le ntlha ya botlhokwa ya gore ba ne ba tlogetse morwarraabone yo mmotlana kwa gae. Josefa o ne a sa batle go ba bontsha gore o itumeletse seo. A tota morwarraagwe yo mmotlana o ne a tshela? Jaanong Josefa o ne a itse gore o tla dira eng. O ne a re: “Lo tla lekwa ka seno,” a bo a ba bolelela gore o tshwanetse go bona morwarraabone yo mmotlana. Fa nako e tsamaya, o ne a re ba ye go tsaya morwarraabone mme mongwe wa bone a sale.—Genesise 42:9-20.

Fa ba ntse ba tlotla ka kgang eno ba sa itse gore Josefa o a ba tlhaloganya, ba ne ba ipona molato ka se ba se dirileng dingwaga di le 20 tse di fetileng. Ba ne ba re: “Kwantle ga pelaelo re molato ka ga morwarraarona, ka gonne re ne ra bona go tshwenyega thata ga moya wa gagwe fa a ne a re kopa bopelotlhomogi, mme ga re a ka ra reetsa. Ke gone ka moo re tletsweng ke matshwenyego ano.” Josefa o ne a tlhaloganya se ba se buang e bile o ne a tshwanelwa ke go retologa gore ba se ka ba mmona fa a lela. (Genesise 42:21-24) Le fa go ntse jalo, o ne a itse gore go ikwatlhaya go ne go akaretsa se se fetang go utlwisiwa botlhoko ke diphelelo tsa ditiro tse di bosula tse motho a di dirileng. Ka jalo o ne a tswelela ka teko ya gagwe.

O ne a re ba ye gae mme Simeone a sale e le legolegwa. Gape o ne a laela gore madi a fitlhwe mo dikgetsing tsa bone tsa dijo. Bomogoloe ba ne ba boela gae mme go ne ga nna thata gore Jakobe a letle morwawe yo a mo ratang e bong Benjamine gore ba tsamaye le ene kwa Egepeto. Fa ba goroga kwa Egepeto ba ne ba bolelela motlhanka wa ga Josefa gore ba ne ba fitlhela madi mo dikgetsing tsa bone le gore ba ne ba ikemiseditse go ntsha madi ao otlhe. Seo se ne se kgatlha mme Josefa o ne a sa ntse a batla go bona gore ke batho ba mofuta ofe. O ne a ba direla moletlo mme a dira gore ba se ka ba lemoga gore o itumeletse go bona Benjamine. Ka jalo, o ne a ba busetsa gae ba tshwere dijo tse dintsi, mme mo lekgetlong leno senwelo sa selefera se ne se fitlhilwe mo kgetsaneng ya ga Benjamine.—Genesise 42:26–44:2.

Morago ga foo, Josefa a diragatsa leano la gagwe. O ne a dira gore bomorwarraagwe ba salwe morago, ba tshwarwe ba bo ba latofadiwe ka gore ba utswilwe senwelo. Morago ga gore se fitlhelwe mo kgetsaneng ya ga Benjamine, botlhe ba ne ba busediwa kwa go Josefa. Jaanong eno e ne e le tshono ya gore Josefa a bone gore bomorwarraagwe ke batho ba ba ntseng jang. Juda o ne a ba buelela. O ne a kopa gore ba utlwelwe botlhoko, a bo a re botlhe ba le 11 ba tla nna makgoba kwa Egepeto. Josefa o ne a laela gore Benjamine a sale mo Egepeto e le lekgoba mme ba bangwe botlhe ba tsamaye.—Genesise 44:2-17.

Juda o ne a tlhotlheletsega go mo araba a utlwile botlhoko. O ne a re: “Go setse ene a le esi wa ga mmaagwe, mme rraagwe o mo rata eleruri.” Josefa o tshwanetse a bo a ile a amiwa ke mafoko ao ka gonne e ne e le morwa yo mogolo wa mosadi yo o rategang wa ga Jakobe e bong Ragele, yo o neng a tlhokafala fa a ne a tshola Benjamine. Jaaka rraagwe, Josefa le ene o ne a tlhologelelwa Ragele. Gongwe seno ke sone se se dirileng gore Josefa a rate Benjamine thata.—Genesise 35:18-20; 44:20.

Juda o ne a tswelela go kopa Josefa gore a se ka dira Benjamine lekgoba. O ile a bo a kopa go nna lekgoba mo boemong jwa ga Benjamine. Ka jalo o ne a ikuela jaana a utlwile botlhoko: “Ke tla ya jang kwa go rre mosimane a se na le nna, e se re kgotsa ka bona masetlapelo a a tla welang rre?” (Genesise 44:18-34) Jaanong joo e ne e le bosupi jwa gore monna yono o fetogile. O ne a sa bontshe fela gore o a ikwatlhaya mme o ne a bontsha gore o pelotlhomogi le gore o akanyetsa batho ba bangwe.

Josefa o ne a lemoga gore bomorwarraagwe ba ikwatlhaela se ba mo dirileng sone

Josefa o ne a sa tlhole a kgona go itshwara. O ne a tshwanelwa ke go ntsha se se mo pelong. O ne a laela badiredi ba gagwe gore ba tswe mme a lelela kwa godimo mo selelo sa gagwe se neng sa utlwala kwa ntlong ya segosi ya ga Faro. Kgabagare o ne a itshenola: “Ke nna Josefa morwarraalona.” O ne a tlamparela bomorwarraagwe ba ba neng gakgametse a bo a ba tlhomamisetsa gore o ba itshwarela mo dilong tsotlhe tse ba mo dirileng tsone. (Genesise 45:1-15) Ka go dira jalo o ne a bontsha tsela e Jehofa, yo o itshwarelang ka bopelotshweu, a ikutlwang ka yone. (Pesalema 86:5) A le rona re dira jalo?

“O SA NTSE O TSHELA”!

Fa Faro a sena go utlwa sotlhe se se diragetseng kwa ntlong ya ga Josefa, o ne a re Josefa a laele gore rraagwe le botlhe ba lelapa la gagwe ba tlisiwe mo Egepeto. Go ise go ye kae, Josefa o ne a kopana gape le rraagwe yo a mo ratang. Jakobe o ne a lela a bo a re: “Mo nakong eno ke iketleeleditse go swa, ka jaanong ke bone sefatlhego sa gago, e re ka o sa ntse o tshela.”—Genesise 45:16-28; 46:29, 30.

Tota e bile Jakobe o ne a tshela dingwaga tse dingwe gape di le 17 mo Egepeto. O ile a bo a kgona go itsise ka boporofeti jo bo neng bo bua ka masego a a neng a tla tlela bomorwawe ba le 12. O ne a naya morwawe wa bo11 e bong Josefa kabelo e e menaganeng gabedi, e gantsi e neng e newa leitibolo. Ditso tse pedi tsa Iseraele di ne di tla tswa mo go ene. Mme go tweng ka morwa wa bonè e bong Juda, yo o neng a bontsha boikwatlhao go feta bomorwarraagwe? O ne a segofadiwa thata: Mesia o ne a tla tsholelwa mo losikeng lwa gagwe!—Genesise, kgaolo 48 le 49.

Fa Jakobe a ne a tlhokafala a le dingwaga di le 147, bomorwarraagwe Josefa ba ne ba boifa gore monnaabone yo o neng a na le taolo o ne a tla ipusolosetsa. Mme Josefa o ne a ba tlhomamisetsa ka lorato gore a ka se dire jalo. Bomorwarraagwe ba ne ba sa tshwanela go ipona molato thata ka gonne o ne a sa bolo go ba itshwarela go tloga ka nako e Jehofa a neng a ba sireletsa ka yone fa lelapa lotlhe le fudugela mo Egepeto. Ka jalo o ne a ba botsa potso eno ya botlhokwa: “A ke mo boemong jwa Modimo?” (Genesise 15:13; 45:7, 8; 50:15-21) Josefa o ne a tsaya Jehofa e le Moatlhodi yo o siameng. Tota Josefa e ne e le mang gore a atlhole batho ba Jehofa a ba itshwaretseng?—Bahebera 10:30.

A o fitlhela go le thata go itshwarela? Gone go ka nna thata fa mongwe a re utlwisitse botlhoko ka boomo. Mme fa re itshwarela ka pelo yotlhe batho ba ba ikwatlhayang ka tsela ya mmatota, seo se tla dira gore ba itumele—le rona re itumele. E bile re tla bo re etsa tumelo ya ga Josefa le sekao se se molemo sa Rraagwe yo o kutlwelobotlhoko e bong Jehofa.

^ ser. 4 Bona ditlhogo tsa “Etsa Tumelo ya Bone” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 1, 2014; November 1, 2014; le February 1, 2015.