Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Boikaelelo jwa go boa ga ga Keresete ke eng?

Pele ga Jesu Keresete a tlhatlogela kwa legodimong ka 33 C.E., o ne a solofetsa gore o tla boa. O ne a itshwantsha le monna mongwe wa motlotlegi yo o neng a tsaya loeto lwa nako e telele mme a boa a na le maatla a go busa e le kgosi. Jesu o boile ka boikaelelo jwa go tlisetsa batho puso e e siameng.—Bala Luke 19:11, 12.

Jesu o tla tlisetsa batho puso e e siameng

Keresete o boa ka mmele o o ntseng jang? O ne a tsosiwa e le motho wa semoya. (1 Petere 3:18) Morago ga foo, o ne a ya kwa legodimong mme a nna kafa letsogong la moja la Modimo. (Pesalema 110:1) Moragonyana thata, Jesu o ne a tlisiwa fa pele ga ga Jehofa Modimo, “Mogologolo wa Malatsi,” yo o neng a naya Jesu maatla a gore a buse batho. Ka jalo, Jesu o boa e le Kgosi e e sa bonaleng, e seng e le motho.—Bala Daniele 7:13, 14.

Jesu o tla dira eng fa a goroga?

Fa Jesu a goroga a sa bonale le baengele ba gagwe, o tla atlhola batho. O tla senya batho ba ba boikepo mme a neye ba ba mo amogelang e le Kgosi botshelo jo bo sa khutleng.—Bala Mathaio 25:31-33, 46.

Fa Jesu a busa e le Kgosi o tla fetola lefatshe go nna paradaise. O tla tsosa baswi gore ba itumelele botshelo mo lefatsheng la Paradaise.—Bala Luke 23:42, 43.