Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Puisano le Moagelani

A Modimo o Otlhaya Batho Kwa Molelong wa Dihele?

A Modimo o Otlhaya Batho Kwa Molelong wa Dihele?

BASUPI BA GA JEHOFA ba itumelela go tlotla le baagelani ba bone ka Baebele. A go na le kgang nngwe ya Baebele e o kileng wa ipotsa ka yone? A o ka rata go itse sengwe ka se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang kgotsa dilo dingwe tse ba di dirang mo bodumeding jwa bone? Fa go le jalo, mo nakong e e tlang fa o kopana le Mosupi mongwe o se ka wa okaoka go mmotsa ka kgang eo. A ka itumelela go tlotla le wena ka dikgang tse di ntseng jalo.

Motlotlo o o latelang ke o o tlwaelegileng o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ka nnang le one le moagelani. A re re Mosupi mongwe yo o bidiwang Motlatsi o etetse monna mongwe yo o bidiwang Goitseone kwa legaeng la gagwe.

A Modimo o Tla Otlhaya Baikepi?

Motlatsi: Ke itumelela go go bona gape, Goitseone.

Goitseone: Le nna ke itumelela go go bona.

Motlatsi: Ke ntse ke akanya ka se o se buileng fa ke ne ke le fano mo lekgetlhong le le fetileng.

Goitseone: Ke eng seo?

Motlatsi: O ne wa re o gakgamaditswe ke go utlwa gore Basupi ba ga Jehofa ga ba dumele mo diheleng.

Goitseone: Ee, seo se ne sa nkgakgamatsa. Mme boammaaruri ke gore ga ke tlhaloganye gore ke eng fa lo sa dumele mo diheleng.

Motlatsi: Ke itumelela go bo o mpoleletse seo. Ke kgatlhegela go utlwa tsela e batho ba bangwe ba lebang dilo ka yone. E re ka batho ba le bantsi ba na le dikgopolo tse di sa tshwaneng ka dihele, wena o ka tlhalosa jang seo o se dumelang ka tsone?

Goitseone: Nna ke dumela gore batho ba ba boikepo ba ya kwa diheleng fa ba swa, mme ke gone kwa ba tla tlhokofadiwang gone ka bosakhutleng.

Motlatsi: Batho ba le bantsi ba leba dilo ka tsela eo. Mma ke go botse Goitseone, a o kile wa diragalelwa ke sengwe se se utlwisang botlhoko?

Goitseone: Ee. Dingwaga di le tlhano tse di fetileng kgaitsadiake o ne a bolawa.

Motlatsi: Ke maswabi go utlwa seo. O tshwanetse wa bo o mo gopola fela thata.

Goitseone: Go ntse jalo. Ke akanya ka ene letsatsi le letsatsi.

Motlatsi: Ke lemogile gore batho ba le bantsi ba buelela kgang ya molelo wa dihele ka go bo ba amilwe ke dilo tse di bosula tse batho ba ba boikepo ba di dirang. Mme gone, batho ba ba diragaletsweng ke dilo tse di utlwisang botlhoko ba batla go bona batho ba ba bosula ba otlhaelwa ditiro tsa bone.

Goitseone: Gone! Ke batla gore monna yo o bolaileng kgaitsadiake a otlhaelwe se a se dirileng lelapa la gaetsho.

Motlatsi: Tota go tlwaelegile go ikutlwa ka tsela eo. Baebele e ruta gore Modimo le ene o a galefa fa batho ba ba se nang molato ba tshwarwa setlhogo—mme o solofetsa gore o tla otlhaya baikepi. Ela tlhoko se Isaia 3:11 e se bolelang: “A bo go latlhega moikepi!—Masetlapelo; gonne tsela e diatla tsa gagwe di neng tsa tshwara ba bangwe ka yone le ene o tla tshwarwa fela jalo!” Ka jalo re ka tlhomamisega gore Modimo o tla otlhaya baikepi.

Goitseone: Mme seo se ka direga jang fa e le gore ga go na molelo wa dihele jaaka o bua?

Motlatsi: Ke potso e ntle eo. Ka bokhutshwane fela, karabo ke gore Modimo o otlhaya baikepi ka go ba nyeleletsa ruri. Ela tlhoko se Baebele e se bolelang mo go 2 Bathesalonika 1:9. A o ka rata go e bala?

Goitseone: Ee. Ya re: “Bone bano ba tla tlelwa ke kotlhao ya katlholo ya tshenyego ya bosakhutleng e e tswang fa pele ga Morena.”

Motlatsi: Goitseone, a jaanong o a bona gore batho ba ba boikepo ga ba na tsholofelo epe ka gonne Modimo o ba otlhaya ka loso lwa bosakhutleng. Ga ba na tsholofelo epe ya go tshela mo nakong e e tlang.

Goitseone: Ke utlwa se temana eno e se buang, mme tota seo ga se lebege e le tshiamiso. Batho botlhe ba a swa. A batho ba ba boikepo bone ga ba tshwanelwe ke kotlhao e e fetang eo?

Go Dira Tshiamiso go Kayang?

Motlatsi: Ke a lemoga gore o motho yo o amegileng ka tshiamiso.

Goitseone: Ee, fela thata.

Motlatsi: Ke go akgolela seo. Boammaaruri ke gore, batho botlhe ba na le bokgoni jwa go lemoga se se siameng le se se sa siamang ka gonne Modimo o re bopile re na le jone. Le ene o amega fela thata ka tshiamiso. Le fa go ntse jalo, fa baeteledipele ba bodumedi ba re Modimo o otlhaya batho kwa molelong wa dihele, tota ba dira gore go lebege e kete Modimo o tshiamololo.

Goitseone: O raya jang?

Motlatsi: Mma ke go direle sekai. A o itse pego ya Baebele e e kaga Adame le Efa?

Goitseone: Ee. Modimo o ne a ba bolelela gore ba se ka ba ja leungo la setlhare sengwe, mme ba ne ba se ka ba mo ikobela.

Motlatsi: O nepile. A re lebe pego eo ya Baebele mmogo. E fitlhelwa mo go Genesise 2:16, 17. Ditemana tseo tsa re: “Jehofa Modimo o ne a naya monna taolo eno: ‘O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.’” Modimo o ne a re ke eng se se neng se tla direga fa Adame a ne a ka ja leungo le le ileditsweng?

Goitseone: O ne a re Adame o ne a tla swa.

Motlatsi: O opile kgomo lonaka. Akanya fela: Ka ntlha ya boleo jwa ga Adame, batho botlhe ba tsholwa e le baleofi. * Le fa go ntse jalo, a Modimo mo lekgetlhong leno o ne a bua sengwe ka go otlhaya batho ka molelo wa dihele?

Goitseone: Nnyaa.

Motlatsi: Mme gone fa e le gore Adame le Efa ba ne ba tla tlhokofadiwa ka bosakhutleng, a Modimo o ne a sa tshwanela go ba tlhagisa? A go dira jalo go ne go ka se bontshe lorato le tshiamiso?

Goitseone: Ke akanya gore go ne go tla bontsha seo.

Motlatsi: Gape ela tlhoko se Modimo a neng a se bolelela Adame le Efa fa ba sena go leofa. Ke kopa gore o bale Genesise 3:19.

Goitseone: Ya re: “O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlha o boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.”

Motlatsi: Ke a leboga. Go ya ka se Modimo a se buileng, Adame o ne a tla ya kae fa a swa?

Goitseone: Modimo o ne a re Adame o tla boela mo loroleng.

Motlatsi: Ee, ruri. Jaanong, a ga o dumele gore motho yo o boelang kwa lefelong le le rileng, o tshwanetse a bo a ne a le kwa go lone pele?

Goitseone: Gone.

Motlatsi: Kana Adame o ne a le kae pele ga Modimo a mmopa?

Goitseone: O ne a se yo.

Motlatsi: O nepile. Gape o tla tlhokomela gore fa Modimo a mo atlhola, ga a bua sepe ka molelo wa dihele. A go ne go tla bo go utlwala gore Modimo a bolelele Adame gore o tla boela mo mmung o a dirilweng ka one, fa e le gore tota o ne a tla ya kwa diheleng tse di tukang molelo?

Goitseone: Nnyaa, go ne go ka se utlwale.

A Diabolo o Diragatsa Thato ya Modimo?

Motlatsi: Go na le selo se sengwe se re ka se sekasekang ka thuto ya molelo wa dihele.

Goitseone: Ke eng seo?

Motlatsi: Kana gantsi ga twe ke mang yo o fisang batho kwa diheleng? Ke mang yo go tweng o tlhokofatsa batho kwa diheleng?

Goitseone: Ke Diabolo.

Motlatsi: Le fa go ntse jalo, Diabolo ke mmaba yo mogolo wa Modimo. Fa e le gore Modimo o isa batho kwa diheleng tse di tukang molelo gore ba tlhokofadiwe ke Diabolo, a seo se ne se ka se bontshe gore Modimo o dirisana le Diabolo ka tsela nngwe?

Goitseone: Hmm. Ga ke ise ke ko ke akanye ka tsela eo.

Motlatsi: Go dira sekai—o rre gakere?

Goitseone: Ee, ke na le morwa. O sa tswa go tshwara dingwaga di le 15.

Motlatsi: A re re morwao o simolola go nna seganana. O dira dilo di le dintsi tse di bosula tse di go utlwisang botlhoko. O ne o ka dirang?

Goitseone: Ke ne nka leka go mo kgalemela.

Motlatsi: Ke solofela gore kgapetsakgapetsa o ne o ka leka go mo thusa gore a fetoge.

Goitseone: Ee.

Motlatsi: A re re go sa kgathalesege maiteko otlhe a o a dirang, o gana go reetsa se o mmolelelang sone. Kgabagare, o ne o ka ikutlwa o tshwanelwa ke go mo otlhaya ka tsela nngwe.

Goitseone: Gone.

Motlatsi: Mme o ne o ka dirang fa o utlwalela gore monna mongwe yo o bosula o ne a tlhotlheletsa morwao, a mo ruta go dira dilo tseo tsotlhe tse di bosula?

Goitseone: Ke ne nka galefela monna yoo fela thata.

Motlatsi: Nka rata go utlwa gore o ne o ka araba potso eno jang. E re ka o itse gore monna yoo, yo o boikepo le yo o tlhokang boitsholo o tlhotlheleditse morwao go go tsuologela, a o ne o ka kopa monna yoo gore a go otlhaele morwao?

Goitseone: Nnyaa, le e seng. Go dira jalo go ne go ka se utlwale.

Motlatsi: Ka jalo, a ruri go a utlwala gore Modimo o ne a ka laela Satane Diabolo—ene yo o tlhotlheletsang batho ba ba boikepo—gore a tlhokofatse bone batho bao?

Goitseone: Nnyaa, ga ke akanye jalo.

Motlatsi: Mo godimo ga moo, fa Modimo a ne a batla gore baikepi ba otlhaiwe, a Diabolo—mmaba yo mogolo wa Modimo—o ne a ka dumela go dira se Modimo a se batlang a bo a ba tlhokofatsa?

Goitseone: Ga ke ise ke ko ke akanye ka tsela eo!

Jehofa o Tla Fedisa Boikepo Jotlhe

Motlatsi: Le fa go ntse jalo, re tlhomamisegile gore Modimo o tla tsaya kgato kgatlhanong le diganana tse di boikepo. Gongwe re ka bala temana e nngwe ya bofelo go gatelela ntlha eno. Temana eo ke Pesalema 37:9. Ke kopa gore o e bale.

Goitseone: Ya re: “Badirabosula ka bobone ba tla kgaolwa, mme ba ba solofetseng mo go Jehofa ke bone ba ba tla ruang lefatshe.”

Motlatsi: Ke a leboga. A o lemogile gore Jehofa Modimo o tla dira eng ka badirabosula?

Goitseone: Temana eno ya re Modimo o tla ba kgaola.

Motlatsi: O nepile. Ka mafoko a mangwe o tla ba fedisetsa ruri. Mme batho ba ba siameng—“ba ba solofetseng mo go Jehofa”—ba tla itumelela go tshela mo lefatsheng ka bosakhutleng. Gone ke boammaaruri gore seno se ka dira gore o ipotse dipotso. Ka sekai, ke eng fa Modimo a sa thibele batho go dira dilo tse di bosula? Gone ke eng fa a ise a otlhaye batho ba ba boikepo fa e le gore ruri ke se a ikaeletseng go se dira?

Goitseone: Dipotso tseo di a kgatlha.

Motlatsi: Gongwe mo nakong e e tlang, nka go bontsha dikarabo tse di mo Baebeleng tsa dipotso tseno. *

Goitseone: Nka itumelela seo.

^ ser. 79 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 11 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.