Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Babadi ba a Botsa . . .

A Bakeresete ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga Ba ne Ba Nna le Seabe mo Dipolotiking?

A Bakeresete ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga Ba ne Ba Nna le Seabe mo Dipolotiking?

▪ Pele Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a naya barutwa ba gagwe ditaelo tse di tlhomameng tsa kafa ba tshwanetseng go dira bodiredi jwa bone ka teng, mme ga a ba naya kgakololo epe ya bopolotiki. (Mathaio 28:18-20) Ka jalo, barutwa ba gagwe ba ne ba tswelela ba tshela ka molaomotheo ono o Jesu a neng a ba file one pelenyana: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.”—Mareko 12:17.

Molaomotheo oo o ne wa thusa jang balatedi ba ga Jesu gore ba tshele mo lefatsheng mme ba se karolo ya lone? Ba ne ba itse jang gore ke dilo dife tse e leng tsa Puso kgotsa tsa ga Kaesara le gore ke dilo dife tse e leng tsa Modimo?

Moaposetoloi Paulo o ne a tsaya go nna le seabe mo dipolotiking e le go nna kgatlhanong le molaomotheo o Jesu a o fileng balatedi ba gagwe. Buka ya Beyond Good Intentions—A Biblical View of Politics ya re: “Paulo o ne a iketleeleditse go dirisa ditshwanelo tsa gagwe tsa go nna moagi wa Roma go bona tshireletso e e mo tshwanelang ya boatlhodi, mme le fa go ntse jalo ga a ka a nna le seabe mo dikgannyeng tse di amanang le melao ya puso ya motlha oo.”

Paulo o ne a naya Bakeresete ka ene ditaelo dife? Yone buka eo e oketsa ka gore: “Mo makwalong a gagwe a a neng a a kwalela badumedi ba kwa metseng e megolo e e jaaka Korintha, Efeso tota le e leng kwa Roma, ga a umaka sepe ka dikgogakgogano tsa dipolotiki tsa lefatshe.” Gape buka eo ya re Paulo “o ne a laela gore go ikobelwe puso mme ga go gope mo makwalong a gagwe a mantsi mo a neng a laela kereke gore e kgothaletse go dirisiwa ga melao mengwe ya puso.”—Baroma 12:18; 13:1, 5-7.

Bakeresete ba ba neng ba tshela masome a dingwaga morago ga loso lwa ga Paulo, ba ne ba nna ba sa kopanye maikarabelo a ba neng ba na le one mo Modimong le a ba neng ba na le one mo Pusong. Ba ne ba tswelela ba tlotla dipuso tsa bopolotiki mme ba ne ba tila go nna le seabe mo ditirong tsa bopolotiki. Buka ya Beyond Good Intentions e bolela jaana ka badumedi bao: “Le fa Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tsaya go ikobela balaodi e le boikarabelo jwa bone, ba ne ba sa nne le seabe mo dilong tse di amanang le dipolotiki.”

Le fa go ntse jalo, dingwaga di ka nna 300 morago ga loso lwa ga Keresete, dilo di ne tsa fetoga. Moithutabodumedi mongwe e bong Charles Villa-Vicencio a re: “Fa maemo a dipolotiki a fetoga fa go busa Constantine, Bakeresete ba le bantsi ba ne ba simolola go dira ditiro tsa setšhaba le go tsenela bosole ba bo ba amogela maemo mangwe mo dipolotiking.” (Between Christ and Caesar) Seo se ne sa felela ka eng? Go kopana ga bodumedi le dipolotiki mo bofelong jwa lekgolo la bonè la dingwaga C.E., go ne ga dira gore go nne le Puso ya bodumedi ya Mmusomogolo wa Roma.

Gompieno madumedi a mantsi a a ipolelang gore a latela Keresete a ntse a kgothaletsa maloko a one gore a nne le seabe mo dipolotiking. Le fa go ntse jalo, madumedi ao ga a etse Keresete e bile ga a latele sekao sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga.