Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Totatota Jesu Keresete ke Mang?

Totatota Jesu Keresete ke Mang?

“Jaanong e rile a tsena mo Jerusalema, motse otlhe wa fuduega, ba re: ‘Yono ke mang?’ Boidiidi jwa nna jwa bolela jwa re: ‘Yono ke moporofeti Jesu, yo o tswang kwa Nasaretha wa Galalea!’”—MATHAIO 21:10, 11.

KE KA ntlha yang fa go ile ga nna le khuduego jaana fa Jesu Keresete * a goroga kwa Jerusalema mo letsatsing leo la dikgakologo ka 33 C.E.? Batho ba le bantsi mo motseng ba ne ba utlwaletse ka ga Jesu le ditiro tse di gakgamatsang tse a neng a di dirile. Ba ne ba nna ba bolelela batho ba bangwe ka ene. (Johane 12:17-19) Le fa go ntse jalo, boidiidi jono bo ne bo sa lemoge gore tlhotlheletso ya monna yono yo a neng a na le bone, e ne e tla anama mo lefatsheng lotlhe e bo e tswelela ka makgolokgolo a dingwaga go fitlha mo motlheng wa rona!

Ela tlhoko dikai di se kae tse di bontshang kafa Jesu a tlhotlheleditseng matshelo a batho thata ka gone mo hisitoring.

  • Khalendara e e dirisiwang thata mo dinageng tse dintsi tsa lefatshe e theilwe mo ngwageng o go dumelwang gore Jesu o tshotswe ka one.

  • Batho ba ka nna dibilione di le pedi—mo e ka nnang nngwetharong ya palo ya batho ba ba mo lefatsheng lotlhe—ba ipitsa Bakeresete.

  • Bodumedi jwa Iselamo, jo bo nang le maloko a a fetang bilione mo lefatsheng lotlhe, bo ruta gore Jesu ke “moporofeti yo mogolo go feta Aborahame, Noa le Moshe.”

  • Bontsi jwa mafoko a ga Jesu a a bontshang botlhale, a dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng mo metlotlong ya letsatsi le letsatsi. Mangwe a one ke ano:

    ‘Ga go na motho yo o ka direlang beng ba babedi.’MATHAIO 6:24.

    ‘Kokota mme o tla bulelwa.’—MATHAIO 7:7.

    ‘Tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo ba direleng fela jalo.’MATHAIO 7:12.

    ‘Naya Kaesara dilo tsa ga Kaesara.’MATHAIO 22:21.

    ‘Rata moagelani wa gago jaaka o ithata.’—MATHAIO 22:39.

    ‘Mosamarea yo o molemo.’LUKE 10:33.

Kwantle ga pelaelo Jesu o tlhotlheleditse matshelo a batho thata. Le fa go ntse jalo, batho ba na le dikgopolo tse di farologaneng e bile ba dumela dilo tse di farologaneng ka ene. Ka jalo o ka ipotsa gore, ‘Tota Jesu Keresete ke mang?’ Baebele ke yone fela e re bolelelang kwa Jesu a neng a tswa gone, kafa a neng a tshela ka gone le lebaka la go bo a ne a swa. Go itse dintlha tseo tsa boammaaruri ka ga gagwe go ka ama botshelo jwa gago fela thata—gone jaanong le mo isagweng.

^ ser. 3 “Jesu,” e leng leina la moporofeti yono yo o tswang kwa Nasaretha, le kaya “Jehofa ke Poloko.” Lefoko “Keresete” ke sereto se se kayang “Motlodiwa,” mme le bontsha gore Jesu o ne a tloditswe kgotsa a tlhomilwe ke Modimo mo maemong a a kgethegileng.