Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tila Mokgwa wa go Ipapisa le Batho ba Bangwe

Tila Mokgwa wa go Ipapisa le Batho ba Bangwe

Tsela 2

Tila Mokgwa wa go Ipapisa le Batho ba Bangwe

BAEBELE E RUTA ENG? “Dira tiro ya gago sentle, e le gore o nne le se o ka nnang motlotlo ka sone. Mme o se ka wa ipapisa le batho ba bangwe.”—Bagalatia 6:4, Contemporary English Version.

RE KA LEBANA LE KGWETLHO EFE? Re ka nna ra bo re rata go ipapisa le batho ba bangwe—ka dinako tse dingwe re ipapisa le batho ba ba se nang dilo tse re nang le tsone mme gantsi re ipapisa le batho ba ba re fetang ka maatla, ba ba nang le dithoto kgotsa bokgoni go re feta. Le fa o ka tswa o ipapisa ka tsela epe fela, go ipapisa le batho ba bangwe ga go solegele molemo. Re nna le kgopolo e e phoso ya gore batho ba botlhokwa go ya ka se ba nang le sone kgotsa se ba kgonang go se dira. Gape re ka simolola go tswela ba bangwe pelo kgotsa go gaisana le bone.—Moreri 4:4.

O KA DIRANG? Leka go iteba ka tsela e Modimo a go lebang ka yone. Letla gore tsela e a lebang dilo ka yone e go tlhotlheletse gore o itseye o le botlhokwa. “Motho fela o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa * ene, o bona se pelo e leng sone.” (1 Samuele 16:7) Jehofa o sekaseka gore o botlhokwa go le kana kang e seng ka go go bapisa le batho ba bangwe, mme ka go bona se se mo pelong ya gago, go tlhatlhoba dikakanyo, maikutlo le maikaelelo a gago. (Bahebera 4:12, 13) Jehofa o itse dilo tse o sa kgoneng go di dira e bile o batla gore le wena o se ka wa batla go dira dilo tse o ka se kang wa di kgona. Fa o batla go bona gore o botlhokwa go le kana kang ka go ipapisa le batho ba bangwe, o ka felela o le mabela kgotsa o nna o sa ritibala. Ka jalo ikokobetse mme o amogele gore go na le dilo tse o ka se kgoneng go di dira.—Diane 11:2.

Ke eng se tota o tshwanetseng go se dira gore Modimo a go tseye o le botlhokwa? O ne a tlhotlheletsa moporofeti Mika go kwala jaana: “O go boleletse se se molemo, wena motho wa mo lefatsheng. Mme Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?” (Mika 6:8) Fa o latela kgakololo eo, Modimo o tla go tlhokomela. (1 Petere 5:6, 7) Ga go na sepe se se kgotsofatsang go feta seno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Leina la Modimo le le fitlhelwang mo Baebeleng.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Jehofa o sekaseka gore re botlhokwa go le kana kang ka go bona se se mo dipelong tsa rona